﻿
Kopo ya ntšhwafatso ya thebolo ya phologolo gore e tle e ntshiwe moroto wa senna
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Motho yo o nang le setefikeiti sa thebolo ya phologolo gore e tle e ntshiwe moroto wa senna, a ka dira kopo go Mokwadise wa Tokafatso ya Diphologolo go ntšhwafatsa ikwadiso ya gagwe.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Bula saete mme o tlatse diforomo tsa kopo o gatisa ka ditlhakakgolo. Diforomo di ka kopiwa go Mokwadise wa Tokafatso ya Diphologolo.
Ngaka ya diruiwa e tshwanetse go kanisa gore phologolo e a amogelesega malebana le:

maemo a boitekanelo ka kakaretso
go tlhoka malwetse
boleng jwa kwa godimo jwa moroto wa senna.



Dikopo di tshwanetse go fitlha kwa go Mokwadise malatsi 30 morago ga letsatsi la bofelo la dikopo. Mo mabakeng a fa kopo e amogelwa mo nakong ya malatsi a le 90 letlha la bofelo la dikopo le fetile, mokopi o tla tshwanela ke go duela madi a tlaleletso go a a beilweng.
Ditšheke le dipousetaleoda di tshwanetse go kwalelwa go: The Director-General: Agriculture.
Dintlha tsa Banka ke:
Standard Bank
Lekala: Arcadia
Nomoro ya Akhaonte: 011219556
Khoutu ya lekala: 000845/010845
Romela dikopo go:
The Registrar of Animal Improvement
Private Bag X138
Pretoria
0001

Godimo

Molao o dirisiwang



Animal Improvement Act, 1998  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Ntšhwafatso ya ikwadiso e ka abiwa mo malatsing a le 30.

Godimo

Tlhotlhwa

Ga e duelelwe.

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Application for renewal of the approval of an animal for the collection of semen

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


