
Kopo ya go kwadisa patente



Tlhaloso

Patente ke tshwanelo e e kgethegileng e e fiwang khamphane e e ribolotseng sengwe.Thibololo ya mothale o e tshwanetse go nna kumo kgotsa thulaganyo e e nayang tsela e ntshwa ya go dira sengwe, kgotsa e e nayang tharabololo ya setegeniki ya bothata.

Patente e naya tshireletso ya thibololo go mong wa patente. Tshireletso ya patente e ka tsaya dingwaga tse di rileng, ka kakaretso patente e tsaya dingwaga di le 20. Tshireletso ya patente e raya gore ga go na motho kgotsa khamphane e e ka dirang kumo ya mothale o ka maikaelelo a go e rekisa kgotsa go e dirisa kwa ntle ga tumelelo ya mong wa yona.

Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, o ka ya go Companies and Intellectual Property Registration Office.

Dikgato tse di latelwang

Ikgolaganye le Companies and Intellectual Property Registration Office.
Bona diforomo tse di tlhokegang tsa kopo  go tswa kwa ofising ya Mokwadise wa di-patente.
Tlatsa diforomo.
Romela khopi e e kanisitsweng ya lekwaloitshupo.
Faela lekwalokopo ya nakwana mo foromong e e maleba - se se ka diragatswa ke mokopi ka thuso kgotsa kwa ntle ga thuso ya mmueledi.
Faela lekwalokopo le le feletseng - se se tshwanetse go dirwa ka therisano le mmueledi wa patente.
Faela Lekwalokopo la Tumalano ya Tirisano ya Patente  Patent Co-operation  Treaty  .

Molao o dirisiwang

South African Patents Act, 1978  

Boemo jwa tirelo

Patente ya nakwana e tsaya dikgwedi di le pedi go kwadisiwa
Patente e e feletseng e ka tsaya dikgwedi di le thataro go konosediwa

Tlhotlhwa

Patente ya nakwana ke R60
Patente e e feleletseng ke R266

Diforomo tse di tladiwang

P1:  Application for a Patent and Acknowledgement of Receipt  and submitted in duplicate 
P2:  Register of Patents , submitted in duplicate Ikwadiso ya di-patente - e romelwa ka sebedi
P3:  Declaration of Power of Attorney , 1 only submitted 
P6:  Provisional Specification , 1 only submitted 
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


