﻿
Kopo ya go ikwadisetsa kalafi ya temothuo
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Menontsha yotlhe e e rekwang kwa mafatsheng a kwa ntle mme e tliswa mo Aforika Borwa, le e e dirwang le go rekisiwa mo Aforika Borwa e tshwanetse go kwadisiwa go ya ka Molao wa Ikwadiso wa 36 wa 1947. Kalafi ya temothuo e akaretsa sebolaya-kgogodi, sebolaya-ditshenekegi, sebolaya-dimela, selaola-dimela tse di tlhogang, go tlhotlhorega matlhare, go omelela ga dimela, le go kukunya ga dinawa.

Dikhamphane tse di tswang moše wa mawatle ga di a letlelelwa go dira kopo ya go ikwadisa mo Aforika Borwa. Dikhamphane tsa fa gae, baagi ba naga ya Aforika Borwa kgotsa Setheo sa semolao mo Aforika Borwa ke tsona fela di letleletsweng go dira kopo ya go ikwadisetsa menontsha ya temothuo.

Mokwadisi go ya ka molao wa 36 wa 1947 o tshwanetse go itsisiwe ka lekwalo ka maikaelelo a go dira thuto-patlisiso e e tlhokegang ya kalafi ya temothuo gore a kgone go sekaseka tiragatso ya yona.

Mokwadisi a ka kopa tshedimosetso ya tlaleletso gore a kgone go netefatsa gore kalafi e a amogelesega, e matshwanedi mme e bile e ka kgona go alafa ditshedi.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Bula saete mme o tlatse foromo ya kopo ka botlalo. Mo go tlhokegang, tshedimosetso e e kopiwang e ka romelwa jaaka dimametlelelo tse di aroganeng mme di filwe dinomoro.
E romele go mokwadisi:

lekwalokopo ka seraro le romelwe le lekwalo le le tlhalosang diteng 
letshwao la tshikhinyo-tlhomo ka seraro
madi a a beilweng a ikwadiso
khopi e le nngwe ya dithuto-patlisiso tsa tshegetso jaaka dintlha tsa borebotlhole , dintlha tsa bokgoni , dintlha tsa masalela , popego e e totobetseng Bona tokomane ya: Agricultural remedies registration procedure policy, Kaedi ka ga Tlhatlhobo ya Dintlha tsa Borebotlhole jwa Taolo ya Disenyi tsa Maekherobiale , Residue trial data requirements document and Guidelines on equivalence of agricultural remedies e e nang le tshedimosetso ka ga ditlhokego .

Lenane ga mmogo le II a dirisiwa jaaka mananenetefatso ga mmogo ga mmogo le selekanyetso go netefatsa gore mokopi o tlisitse dintlha tsotlhe tse di maleba tse di tlhokegang.
Fa e le gore kalafi e tshwanetse go rekwantle o tshwanetse go tlisa tse di latelang:

lefelo bogorogelo
selekanyetso sa mothamo
motlhagolatsela wa thuto-papiso
mafelo ya thuto-patlisiso
metswako e e nowang
tshedimosetso nngwe le nngwe e Mokwadise a ka e tlhokang
bontsi jwa kumo e e tlo rekwang ntle.

Diforomo tse di sa tladiwang ka botlalo di tla busediwa morago kwa mokoping mme e bile lefapha ga le kitla le rwala maikarabelo fa dilo di sa tsamaya sentle ka ntata ya se.
Dintšhwafatso di ka dirwa go tloga ka Ferikgong 1 go fitlha ka Mopitlwe 31.

Godimo

Molao o dirisiwang

Fertilizers, Farm Feeds, Agricultural Remedies and Stock Remedies Act, 1947  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Tebosešwa ya metswako e mentšhwa e e dirang go ka tsaya go fitlha ngwaga o le mongwe. Dikopo tsa bokhutlotiriso-jo-bontšhwa kgotsa tsa dikaelo ka gale di diragadiwa mo dikgweding di le thataro.

Godimo

Tlhotlhwa

R4 960

Godimo

Diforomo tse tladiwang

Kantoro ya Mokwadise e ntsha makwalo a diforomo tsa kopo le tsa ntšhwafatso ya ikwadiso go di romela batho botlhe ba ba ikwadisitseng.

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


