﻿

Kopo ya boikwadiso jaaka moduedi wa lekgetho kgotsa fa o batla go fetola dintlha tse di setseng di kwadiseditswe mo lekgethong

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Motho mongwe le mongwe yo o pateletsang ke molao go ikwadisa jaaka moduedi wa lekgetho le ba Ditirelo tsa Lekgetho la Aforika Borwa , o tshwanetse go tlisa kopo ya boikwadiso mo lekaleng la kantoro la  le le leng gaufi le wena mo malatsing a le 60 pele a nna mongwe yo o tla rwalang molato.

Fa aterese ya motho e fetoga morago ga fa a se na go ikwadisa le SARS jaaka moduedi wa lekgetho, motho yoo, o tshwanetse go neela SARS dintlha tse dintšhwa mo malatsing a le 60 go tloga ka nako ya diphetogo.

Lenaneo la lotseno la lokgetho le le isiwang kwa go SARS ngwaga ka ngwaga, le lona le na le sekgala sa go fetola aterese, dintlha ka ga banka, dintlha tse dingwe tsa sebele. Bontsi jwa ditemoso le mananeo a SARS le ona a na le sekgala sa go fetola dintlha tsa aterese. Diphetogo tsa go nna jalo di tla fetolwa mo lenaneong le le nepagetseng la SARS fa temoso kgotsa lenaneo le tliswa gore le diragadiwe.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tlatsa tshedimosetso yotlhe e e batlegang jaaka e batliwa mo foromong ya kopo fa o kwadisa jaaka mokgethi le .
Netefatsa gore tshedimosetso ya gago jaaka e phasaladitswe mo dikitsisong kgotsa mo mananeong a a amogetsweng ke SARS e nepagetse. Fa tshedimosetso e tlhagisitswe e sa nepagala, tlhokomela gore tshedimosetso e e nepagetseng e mo dikitsisong pele o e ise kwa SARS.
Phosolola dintlha tsa gago kgotsa diaterese ka ditsela tse di latelang:

romela kopo ya diphetogo ka letsogo mo SARS e e fa gaufi le wena
dira kopo ka mogala kwa Setheong sa Tshedimosetso sa SARS e tshwanetseng
romela fekese kwa Setheong sa Tshedimosetso sa SARS e e gaufi le wena.


Godimo

Molao o dirisiwang

Income Tax Act, 1962  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Ga go na sepe.

Godimo

Tlhotlhwa

Tirelo ga e duelelwe.

Godimo

Diforomo tse tladiwang

.

Application for registration as taxpayer or changing of registered particulars ,IT 77 (Kopo ya boikwadiso jaaka moduela lekgetho kgotsa phetogo ya dintlha tse di kwadisitsweng.

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


