﻿
Kopo ya kwadiso ya tiriso ya metsi
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Badirisi botlhe ba metsi, ba ba sa amogeleng tlamelo ya metsi go tswa go mothelesi wa tiriso, botsamaisi jwa tsa selegae, boto ya metsi, boto ya go nosetsa, thulaganyo ya metsi a puso kgotsa bothelesi bongwe le bongwe ka bontsi, bo tshwanetse go kwadisa tiriso ya jona ya bontsi le Lefapha la Merero ya Metsi le Dikgwa . Badirisi ba metsi e ka nna ba ba dirisang metsi:

go nosetsa
mo meepong
mo diintasetering
mo mafelong a phepo 
mo tirisong nngwe le nngwe e e bontshitsweng mo Thebolong ka Kakaretso  go ya ka Karolo ya 39 ya Molao wa Metsi wa Setšhaba
Go gololwa ga mantle kgotsa metsi a a nang le mantle
Karoganyo ya dinoka le melatswana kgotsa diphetolo go nna makidi kgotsa diponagalo tsa tsela ya metsi.
Bobolokelo – Motho mongwe le mongwe kgotsa mokgatlho o o bolokang metsi ka mabaka mangwe le mangwe a a rileng,  go tswa mo metsi a elelang fa godimo, metsi a ka fa tlase ga lefatshe kgotsa motswedi o o elelang mo go feteletseng go go lekanang dikhubiki metara di le10 000 kgotsa mo lefelong le le tletseng metsi thata go feta heketara e le 1 gotlhe mo tikologong e e nang le mong wa yona kgotsa e go nnang motho yoo kgotsa mokgatlho o o senang tumelelo kgotsa phemiti.
Ditiro tsa go fokotsa kelelo ya molapo  –Go jala dikgwa go dirisetswa kgwebo, go akarediwa dikgwa tsa setšhaba gore go nne le dipoelo tsa kgwebo, fa go diragetse pele ga ngwaga wa 1972, gona go tshwanetse go kwadisiwa. Beng ba dikgwa ba ba nang le diphemiti tse di ntshitsweng ka fa tlase ga Molao wa Dikgwa wa 1998  , bona ga ba a tshwanela go ikwadisa, ka gonne re tla ba romela ditokomane tsa boikwadiso tse di tladitsweng, gore ba di tlhabolole fa go tlhokagala, ba di saene, mme ba di busetse go lefapha.
Tiriso ka botsamaisi jwa tsa selegae ga mmogo le bathelesi ba bontsi jwa bona ba nang le metswedi ya bona ya metsi le ditiro tsa phepafatso.
Ditiro tse di Laolwang, jaaka go nosetsa ka mantle, go tlhola maatla ka metsi, tlhabololo/phetolo ya mowa kgotsa go tlatsa llaga ya letlapa kgotsa mmu o o fetisang metsi a mantsi .

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tlhotlhomisa mekgwa e e nepagetseng ya tiriso ya metsi le go

Ikgolaganya le kantoro ya kgaolo ya Lefapha la Merero ya Metsi le Dikgwa e e gaufi le wena.
Tlatsa diforomo tse di tshwanetseng ka thuso ya motlhankedi wa kgaolo.
Isa diforomo tseo kwa kantorong ya kgaolo e e gaufi ya DWAF ga mmogo le ditokomane tse di latelang:

dintlha tsa botlhokwa tsa mokopi (Sefane, maina le diaterese tsa mokopi
lefelo fa tiriso ya metsi e yang go diragala teng
sefane, maina le diaterese tsa mong wa lefelo
tlhomamiso ka mokopi
tlhomamiso ka mong wa lefelo
tshedimosetso ya tshupamolato 
khopi ya pasa e e ikanetsweng
khopi ya kano ya mong wa lefelo
khopi e e ikanetsweng ya tumalano ya khiriso ya setsha
kobamelo ya ditlhokego tsa ditirelo tsotlhe tse go dirilweng kopo ya tsona.


Godimo

Molao o dirisiwang



National Water Act, 1998  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Tshekatsheko ya kwadiso e ka tsaya kgwedi e le1.

Godimo

Tlhotlhwa

R114 .

Godimo

Diforomo tse tladiwang

Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


