﻿
Ikwadisetse go tlhopha
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Go kgona go tlhopha mo ditlhophong tsa bosetšhaba, tsa porofense kgotsa tsa mmasepala o tshwanetse go ikwadisa mo sedikeng sa ditlhopho se o nnang mo go sona. Se se botlhokwa segolo mo ditlhophong tsa bommasepala gonne o ka tlhopha fela mo sedikeng sa ditlhopho se o ikwadisitseng mo go sona. Fa o setse o ikwadisitse mme dintlha tsa gago di netefaditswe kgatlhanong le Buka ya Kwadiso ya Setšhaba, leina la gago le tla tsenngwa mo teng ga Lenaneo la Bosetšhaba le le Tlwaelegileng la Batlhophi.

Go kgona go ikwadisa go tshwanetse go bo o:

le moagi wa Aforika Borwa
le dingwaga di le 16 kgotsa go feta
na le lekwaloitshupo  la Aforika Borwa.

Lenaneo la Batlhophi le tswalwa ka letsatsi le letlha la ditlhopho le goelediwang mo teng ga Kuranta ya Puso.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Ikwadise ka namana kwa seteišeneng sa ditlhopho mo sedikeng se o nnang mo go sona ka paka ya ikwadiso ya batlhophi ka kakaretso.
Ikwadise nako nngwe le nngwe ka diura tsa tiro kwa Khomišeneng e e Ikemetseng ya Ditlhopho  ya selegae.
Tsamaya ka ID ya gago.
Tlatsa foromo ya kopo e e maleba.
Motlhankedi wa kwadiso o tla kgomaretsa setlankana mo bukaneng ya gago ya ID se na le nomoro ya sedika sa sa ditlhopho.

Godimo

Molao o dirisiwang



Electoral Commission Act, 1996  
Constitution of the Republic of South Africa, 1996) 
Electoral Act, 1998  
Local Government: Municipal Structures Act, 1998  
Local Government: Municipal Demarcation Act, 1998  
Local Government: Municipal Electoral Act, 2000  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Kopo ya gago ya go ikwadisa e tla diragadiwa ka yona nako eo.

Godimo

Tlhotlhwa

Tirelo e ke ya mahala.

Godimo

Diforomo tse tladiwang

Diforomo di ka bonwa ka dikantorong tsa ikwadiso.

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


