﻿
Kopo ya go kwadisa lefatshe le o ka ruang dinare mo go lona
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Mongwe le mongwe yo o eletsang go rua dinare o tshwanetse go kwadisa lefatshe le a le dirisang go rua le Lefapha la Temothuo.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Bula saete mme o tlatse foromo ya kopo o kwala ka go gatisa. O ka nne wa iponela foromo kwa ofising ya puso ya kalafi ya diphologolo e e gaufi le wena.
Kopa ngaka ya diphologolo ya puso go tlhatlhoba lefatshe le legora a bo a netefatse maemo a pholo a nare.
Tlhogo ya lefapha la ditirelo tsa bongaka jwa diphologolo mo porofentsheng o tshwanetse go netefatsa gore go na le ditlhokego tse di lekaneng go tlhokomela maemo mo polaseng nako nngwe le nngwe, le gore metsamao ya dinare mo polaseng e tlhokomelwe ka tshwanelo le gore go tlhokomelwe metsamao e e sa tlwaelegang le go busetsa maemo setlwaeding kwa ntle ga tshenyo ya nako.
Lekwalokopo le tshwanetse go tlisiwa le:

setefikeiti sa semmuso sa se se bontshang sediko se se lekaneng  se se rebotsweng ke bothati jwa tshomarelo ya tlhago
khopi ya mmepe o o bontshang sentle boemo jwa lefatshe le o dirang kopo ya lona.

Isa kopo ya gago kwa go: The Senior Manager: Animal Health, Fax:  329-0499.

Godimo

Molao o dirisiwang



Animal Diseases Act, 1984  with amendments 
Animal Health Act, 2002 

Godimo

Boemo jwa tirelo

Gore kopo e tsaya nako e kanakang go tswa fela mo porofenseng. Fa kopo e setse rebotswe, e romelwa kwa Lefapheng la Bosetšhaba la Temothuo



Batlhankedi kwa lefapheng la bosetšhaba ba tla go naya nomoro ya go ikwadisa ya semmuso, ba tsenye le tshedimosetso mo rejisetareng ya bosetšhaba ya dinare ba bo ba gatisetse mong wa lefatshe setifikeite sa ikwadiso. Thulaganyo yotlhe e ka tsaya malatsi a le lesome a tiro.

Godimo

Tlhotlhwa

Tirelo e ga e duelelwe.

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Application for the registration of land for keeping buffalo 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


