﻿

Kopo ya mokgatlho o o sa boelweng

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Tseno ke ditlamo tse di kwadisitsweng go neela ditirelo kgotsa go tlhatlosa dikgatlhego tsa batho ka bontsi mme ga di a ikaelela go dira, kgotsa go atlholwa ka, poelo e di e dirang. Bontsi jwa di NGO  mekgatlho ya bodumedi le ya thuso, e wela ka mo karolong eo.

Ka kakaretso mekgatlho e, e neela mefuta e e farologaneng ya ditšhaba jaaka dikema tsa go fepa bana, mekgatlho e e tlhokomelang dikhutsana tsa AIDS, mekgatlho ya bodumedi jalojalo. Madi a mekgatlho e e a dirang morago ga go duelela ditshenyegelo tsa go tsamaisa ditirelo tse, a dirisediwa go atolosa ditirelo tsa yona.

Ka gale, Ditlamo tse, di bona matlole a tsona go tswa mo meneelong le matlole a a tswang kwa moseja gape di kwadisitswe go ya ka Karolo ya 21 ya Molao wa Ditlamo wa 1973 . . Setlamo sa Karolo ya 21 se tshwanetse go nna le bonnye jwa maloko a le 7 le bakaedi ba le 2.

Ka ntlha ya go raraagana ga tsamaiso e e leng teng fa, ditirelo tsa boramolao di a atlanegisiwa mo tsmaisong ya go kwadisa. Memorantamo le Diathikele tsa setlamo di tshwanetse go kokoanngwa mme tsa tlhabololwa go tshwanela setlamo kwa ntle ga kapetlele e e aroganngwang mme e tshwanetse go kanisiwa ke Raditlamo wa Botlhe  wa moporofešenale yo o leng mo molaong.

Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape e ya go Companies and Intellectual Property Registration Office 

Top

Dikgato tse di latelwang

Ikgolaganye le lefapha la Kgwebo le Intaseteri.
Tlatsa mefuta ya diforomokopo tse di bonwang kwa go lefapha la Kgwebo le Intaseteri. 

Top

Molao o dirisiwang

Companies Act,  Molao wa Ditlamo, 

Business Names Act,  


Top

Boemo jwa tirelo

Tirelo e e ka tsaya malatsi a le 5.

Top

Tlhotlhwa

R350-00 – Memorantamo le Diathikele
R50-00 – go beeletsa leina

Top

Diforomo tse tladiwang

Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. ikgolaganye e lefapheng la Kgwebo le Intaseteri.

Top

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


