
Kopo ya go ikwadisa jaaka moemedi wa thekontle ya dire tsa bosika jwa diphologolo
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Moemedi wa thekontle ya dire tsa bolosika jwa diphologolo o tshwanetse go ikwadisa le Mokwadise wa Tokafatso ya Diphologolo pele a ka dira thekontle ya dire tsa bolosika jaaka pelwana , popelo kgotsa moroto wa senna go tlisa mo Aforika borwa.

Moemedi wa thekontle o tshwanetse go kgotsofatsa dintlha tse di latelang:

lefelo la gagwe le tshwanetse go nna le didiriswa tsotlhe tse di beetsweng go dirisetswa dire tsa bolosika lwa diphologolo
lefelo la gagwe le tshwanetse go nna le didiriswa tsa laboratori le tsa kgololo ya makgetho tse di nyalanang le maemo a a beilweng
badiri ba tshwanetse go nna le bokgoni jwa go dira ka moroto wa senna.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Pagolola foromo mo websaeteng mme o e tlatse gotlhe. Foromo e ka nne ya kopiwa gape go tswa go Mokwadise wa Tokafatso ya Diphologolo .
Diforomo tse di sa tladiwang ka botlalo di tla busediwa morago kwa go beng ba tsona.
Dikopo di tshwanetse go kanisiwa ke ngaka ya diruiwa yo o filweng dithata ke Bothati jwa Dingaka tsa Diruiwa tsa Aforika borwa.
O tshwanetse go romela madi a a lekaneng fa o romela kopo nngwe le nngwe. Ditsheke tsotlhe le dipousetaleota di tshwanetse go romelwa go: Director-General: Agriculture. Dintlha tsa banka:
Banka: Standard Bank
Lekala: Arcadia
Nomoro ya akhaonte: 011219556
khoute ya Lekala: 000845/010845
Diforomo di tshwanetse go romelwa go:
The Registrar of Animal Improvement
Private Bag X138
Pretoria
0001

Godimo

Molao o dirisiwang



Animal Improvement Act, 1998  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Kopo e ka tsaya malatsi a le 30 go konosediwa.

Godimo

Tlhotlhwa

R104

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Application for registration as an import agent for animal genetic material 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


