
Kopo ya kwadiso ya lefelo la teko ya dilaesense tsa go kgweetsa
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Kopo ya go kwadisa lefelo la teko ya dilaesense tsa go kgweetsa e tshwanetse go dirwa ka diforomo tse di nepagetseng tsa kopo. Jaaka karolo ya go dira kopo, o tla tlhoka go rebola tshedimosetso ka ga kemedi ya boeteledipele le batlhatlhobi ba dilaesense tsa go kgweetsa.

MEC  wa Dipalangwa wa porofense e kopo e dirwang mo go yona o tla romela batlhatlhobi go sekaseka ditlabelo mme atlenegise tekanyetso e e rileng ya lefelo la teko ya dilaesense tsa go kgweetsa.

Fa MEC a kgotsofalela tshekatsheko eo, o tla lekanyetsa lefelo leo la teko ya dilaesense tsa go kgweetsa, a rekota dintlha ka mo kwadisong ya mafelo a teko ya dilaesense tsa go kgweetsa mme a neele modirakopo setifikeiti sa kwadiso.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Golagana le Lefapha la Dipalangwa la Porofense.
Tlaya le ditlankana tse di latelang:


makwaloitshupo a bolaodi jwa lefelo la teko ya dilaesense tsa go kgweetsa 
setifikeiti sa kwadiso ya kgwebo.


Godimo

Molao o dirisiwang



National Road Traffic Act, 1996  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Go ka tsaya dikgwedi di le thataro go kwadisa lefelo la teko.

Godimo

Tlhotlhwa

