﻿
Kopo ya go ikwadisa go nna moduelalekgetho wa nakwana
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Moduelalekgetho wa nakwana o tlhalosiwa jaana:

mongwe le mongwe  yo o bonang letseno kwa ntle ga moputso
mookamedi mongwe le mongwe wa setlamo sa poraefete, fa e le mokaedi wa setlamo sa go nna jalo e le moagi wa Aforika Borwa, kwa ntle le fa Mokhomešenare wa Madirelo a Aorika Borwa a Makgetho  a laela ka mokgwa mong
tokololo nngwe le nngwe ya mokgatlho wa kgwebo yo e leng moagi wa Aforika Borwa, kwa ntle ga fa Mokhomešenare wa Madirelo a Aorika Borwa a Makgetho  a laela ka mokgwa o mongwe.
setlamo sengwe le sengwe
mongwe le mongwe yo o itsisitsweng ke Mokhomešenare gore ke moduelalekgetho wa nakwana.

Mo setlamo se iseng se kgone go bona madi a lekgetho a mothapiwa go tswa go mokaedi, ga a tshwanela go akanya ka tuelo ya mothapiwa ya dituelo tsa lekgetho fa go sekasekiwa disuga tsa lekgetho tsa nakwana.

Motho yo o tshwanelang ke go duela lekgetho la nakwana, mo malatsing a 30 a go tshwanela go duela, o tshwanela ke go dira kopo ya go duela lekgetho ka go kwalela go kantoro ya lekala ya selegae ya SARS. Go retelelwa ke go dira jalo go tla tlhola lebisa kwa kwatlhao tsa go duela thari le merokotso go tsenyeneletsa lekgetho le go busiwa ga manaane thari.

Batho ba ba latelang ga ba tshwanela go duela lekgetho la nakwana:

mongwe le mongwe yo letseno la gagwe le bonwang go tswa moputsong
mongwe le mongwe yo letseno la gagwe le sa feteng seroto se se beilweng sa R43 000 fa e le batho ba ba ka fa tlase ga dilemo di le 65 le ba ba amogelang R69 000 mme e le batho ba ba amogelang R60 000 gape ba feta dinyaga di le 65
mongwe le mongwe yo o amogelang kwa ntle ga go bona moputso, a amogela letseno le le sa fetang R18 000 mme e le batho ba ba ka fa tlase ga 65 kgotsa ba amogela R26 000 mme e le batho ba godimo ga dinyaga di le 65. Merekotso ya kwa ntle le diabo ke R3 000 mo karolong e e sa balelweng ya bogotlhe jo bo balelwang
motho mongwe le mongwe yo o leng 65 kgotsa a le bogolo ba go feta ga a balelwe mo bathong ba ba duelang lekgetho la nakwana fa:

Letseno la gagwe la ngwaga le le sa fete R80 000, mme le tsenyeletsa moputso, madi a phenšene, merokotso, diabo le letseno la rente le
Motho yo o e seng mokaedi wa setlamo sa poraefete kgotsa tokololo ya mokgatlho wa kgwebo
A sa tsamaise kgwebo epe.


Mela e e kaelang ya IRP 12 e neelana ka tshedimosetso mo ntlheng e.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Romela kopo ya go ikwadisa jaaka moduelalekgetho wa nakwana mo lekaleng le le gaufi la kantoro ya SARS ka sebopego sa lekwalo. Lekwalo le tshwanetse go bontsha letlha le o simololang go tshwanela ke go ama ke tuelo ya lekgetho la nakwana.

Godimo

Molao o dirisiwang

Income Tax Act, 1962  – Fourth Schedule 

Godimo

Boemo jwa tirelo

Ga go duelwe.

Godimo

Tlhotlhwa

Ga go nako e e tsepameng e e beilweng.

Godimo

Diforomo tse tladiwang

Kopo e e romelwe ka mo mokgwa wa lekwalo.

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


