﻿
Kopo ya nomorokwadiso e e kgethegileng
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Batho le mekgatlo e ka dira kopo ya dinomorokwadiso tse di kgethegileng fa ba rata go dirisa maina a bona kgotsa a mokgatlo jaaka nomorokwadiso ya serori. Nomorokwadiso e e kgethegileng e bewa ka tsela e e tshwanang le ya nomorokwadiso e e tlwaelegileng. Nomoro eo e nna ya mong o nomoro eo e kwadisitsweng ka leina la gagwe.

Nomorokwadiso e e kgethegileng e tshwanetse go ikobela ditlhokego tsa nomorokwadiso e e tlwaelegileng .

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Ikgolaganye le kantoro e e gaufi nao ya pharakano.
Tlatsa foromo ya kopo.
Neelana ka khopi e e kannweng ya Lekwaloitshupo la gago le setifikeiti sa kwadiso ya serori.
Duela tlhwatlhwa e e beilweng.

Godimo

Molao o dirisiwang



National Road Traffic Act, 1996  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Kopo e diragadiwa ka lona letsatsi leo.

Godimo

Tlhotlhwa

