

Kopo ya go kwadisa khamphane ya kwantle



Tlhaloso

Khamphane ya boditshaba e e batlang go bula kgwebo mo Aforika borwa e ka dira kopo ya phemiti ya khamphane ya kwantle. Khamphane ya kwantle ke khamphane e e ikwadisitseng kwa nageng ya boditshaba mme e batla go dira Kgwebo mo Aforika borwa..

Ka ntata ya dithulaganyo tse di farologaneng tse di tsweletseng e le ka ntata ya tsela ya ikwadiso, o eletswa go dirisa tiriso ya babueledi ba mo Aforika borwa.

O ka ya go bona ramolao mo Aforika borwa, jaaka ditlhokego dingwe tsa Molao wa Dikhamphane  di ka kgona go dirwa fela ke maloko a porofesene eo fela.

Tswee-tswee, elelwa gore ditokomane tsotlhe di tshwanetse go tladiwa ka pene e ntsho.

Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape o ka ya go Companies and Intellectual Property Registration Office.

Dikgato tse di latelwang

Ikgolaganye le Companies and Intellectual Property Registration Office.
Tlatsa diforomo tsa kopo jaaka di tlhagisitswe ka fa tlase ga setlhogo "Forms to complete" fa tlase.
Romela dikhopi tse di kanisitsweng tsa makwaloitshupo kgotsa dipaseporoto tse di maleba tsa batho botlhe ba ba amegang mo khamphaneng e e kwadisiwang.
Ditokomane tsotlhe di tshwanetse go tlisiwa mmogo le Memorantamo le Diathekelo tsa Setlamo, tse di tshwanetseng go tlisiwa e le ngata jaaka buka mme di tshwanetse go kanisiwa ka mokwalo mo tsebeng nngwe le nngwe ke Raditlamano wa Setshaba kwa nageng e a tswang kwa go yona.

Molao o dirisiwang

Companies Act, 1973  
Business Names Act, 1960  

Boemo jwa tirelo

Ikwadiso e ka tsaya malatsi a le matlhano.

Tlhotlhwa

R350

Diforomo tse di tladiwang


CM22 - Notice of registered office and postal address of company 
CM29 - Contents of register of directors, auditors and officers 
CM31- Notice of, consent to change of name, or resignation by Auditor or removal of Auditor (CM 31- Kitsiso ya tumalano ya go newa tiro, phetogo ya leina la moruni kgotsa go tlosiwa ga moruni
CM37 -Notice of person authorized to accept service on behalf of external company (CM 37 -Kitsiso ya motho yo o filweng taolo go amogela tirelo mo boemong jwa khamphane ya kwantle
CM49 - Application for the registration of memorandum of external company 

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala



