﻿
Kopo ya go kwadisa tshwanelo ya tiro



Tlhaloso

Tshwanelo ya tiro  ke tshwanelo ya go sireletsa tiro ya motho, e e ka nnang sekwalwa, matheriale mongwe le mongwe, manane a khomphuta, tiro tsa botsweretsi, matheriale wa kgaso, mmino, ditshwantsho kgotsa divideyo.

"Sireletsa" e kaya go thibela batho ba bangwe go kopisa kgotsa go utswa tiro kgotsa matheriale mme ba itirisetsa ona  mme ba dira se maikaelelo e le go dira madi. Molao wa Tshwanelo ya tiro  o gatelela tshwanelo-tiro .

Fa o na le kakanyo ya motheo e e leng ya gago, ga o kitla o nna le tshwanelo ya kopiso tiro ya yona. Sa ntlha o tshwanetse go baya kakanyo ya gago ka tsela e e bonagalang, jaaka buka, karata, CD, botaki, setshwantsho, motshameko kgotsa filimi. .

Ka kakaretso motho yo o kwadileng, gatisitseng, phasaladitseng, diragaditseng, setileng, takileng, filimileng, rekotileng tiro ke ene mong wa tshwanelo ya tiro. Le fa go ntse jalo, fa motho a romilwe mme e bile a duelwa go dira karolo ya tiro e e rileng, mong wa tshwanelo ya tiro e tla nna mothapi wa gagwe.

Mo ditirong di le dintsi  ga go botlhokwa go dira kopo ya tshwanelo ya tiro.

Tshwanelo ya tiro e dirwa ka go baya mafoko "copyright" kgotsa "copyright reserved" kgotsa "copyright Smith 2002"  kgotsa sekai sa tshwanelo tiro, leina le ngwaga .

O ka nne wa bona tshwanelo tiro mo Aforika borwa fa o le moagi wa Aforika borwa kgotsa fa tiro ya gago e dirilwe mo Aforika borwa. Fa o se moagi wa Aforika borwa, o ka nne wa fiwa tshwanelo ya tiro fa fela naga e o tswang kwa go yona e le karolo ya Berne Convention. Berne Convention ke tumalano ya boditshabatshaba malebana le tshwanelo ya tiro mme maloko a yona, a utlwane go sireletsa tshwanelo ya tiro ya lengwe le lengwe la maloko a yona.

Tshwanelo tiro ya difilimi le divideyo e e direlwang mabaka a kgwebo yona e tshwanetse go direlwa kopo, ka go dirisa ditokomane tse di ka fitlhelwang sesolo kwa diofising tsa Tshwanelo ya tiro :

Fa o na le tshwanelo ya tiro e go neela "go nna mong" wa matheriale le go go naya taolo ya dithekiso le tiriso. Letshwao la tshwanelo ya tiro le le tlwaelegileng ke ©.

Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, o ka ya go Companies and Intellectual Property Registration Office. 

Dikgato tse di latelwang

Ikgolaganye le Companies and Intellectual Property Registration Office.
Tlatsa diforomo tse di latelang:

Foromo RF1, e romele ka sebedi
Foromo RF2, e romele ka sebedi
Foromo RF3, e romele ka sebedi
Foromo RF9 ga mmogo le "Kheisi ya kemo" Statement of Case
Lekwalo la dithata tsa go saena, fa go dirisiwa mmueledi


Molao o dirisiwang

Copyright Act, 1978 

Boemo jwa tirelo

Morago ga dikgwedi di le thataro, go tla dirwa ditlhatlhobo mme morago ga mo tshwanelo ya tiro e tla abiwa ka kgwedi ya bosupa.

Tlhotlhwa

R231

Diforomo tse di tladiwang


Form RF1, submitted in duplicate 
Form RF2, submitted in duplicate 
Form RF3, submitted in duplicate 
Form RF9 together with the  Statement of Case  
Power of Attorney letter if services of an attorney are used  

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


