﻿
Kopo ya go kwadisa sediriswa sa go thaya ditlhapi
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Sediriswa sa go thaya ditlhapi ke mokoro kgotsa sekepe se se dirisediwang, kgotsa se tlamelwa go ela tlhoko, kotulo le tshotlako ya metswedi ya mawatle, kgotsa go tshegetsa ditiragalo tse di nyalanang natso. Di akaretsa didiriswa tse di thusang sediriswa kgotsa didiriswa kwa lewatle mo go diragatseng tiragalo nngwe le nngwe e e letleletsweng e e amanang le go thaya ditlhapi – go akaretsa – fela e seng go felela ka – paakanyo, thebolo, go boloka, go tsidifatsa, go tsamaisa, kgotsa go diragatsa, Bothati jwa Pabalesego ya Mawatle jwa Aforika Borwa   le Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala Department of Environmental Affairs and Tourism  di tshwanetse go dumelela sediriswa sa go thaya ditlhapi.

Ga go sediriswa sa go thaya ditlhapi se se tla kwadisiwang ntle le thata ya go thaya ditlhapi le tetla ya go nna le seabe mo ditiragalong tsa go thaya ditlhapi.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Rulaganya gore sediriswa se tsenele tsamaiso ya SAMSA ya tshekatsheko ya go tshwanela lewatle e morago ga yona SAMSA e tlileng go rebola Setifikeiti sa Pabalesego. Setifikeiti se se tshwanetse go tsamaya le kopo ya kwadiso.
Bona foromo ya kwadiso go tswa kwa Lefapheng la Merero ya Tikologo le Bojanala kgotsa e ntshe mo go http://www.mcm-deat.gov.za.
Tlatsa foromo ka ditlhakakgolo mme o kwale mabaka fa go tlhokega
Neelana ka tshedimosetso e e latelang:

leina la sediriswa
leina le dintlha tsa mong wa sediriswa 
boleele jwa sediriswa
maatla le mothamo wa sediriswa
folaga ya Naga e sediriswa se kwadisitsweng ka fa tlase ga yona 
setifikeiti sa pabalesego sa Bothati jwa Pabalesego ya Mawatle jwa Aforika Borwa.

Romela foromo ya gago ya kopo le tshwanelo ya gago ya go thaya ditlhapi kgotsa konteraka e e konoseditsweng le mong wa sediriswa go dirisa sediriswa se se amegang fa o se motshola-tshwanelo ya go thaya ditlhapi.
Supa paka le lekala la go thaya ditlhapi le sediriswa se isiwang kwa go lona.


Godimo

Molao o dirisiwang



The Marine Living Resources Act, 1998  

The National Environmental Management Act, 1998  

The National Biodiversity Act, 2004  

The National Marine Protected Areas Act, 2003  

The Sea Birds and Seals Protection Act, 1973  
The International Convention for the Prevention of Pollution from Ships Act, 1986  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Tiragalo ya kopo e ka tsaya matsatsi a le 3 a tiro kgotsa go feta go lebilwe tiragatso e e maleba ya kopo.

Godimo

Tlhotlhwa

Tlhwatlhwa e farologana go ya ka boleele jwa sediriswa.

