﻿
Go romela kgotlang kwa go CCMA go tlisa kutlwano kgotsa go tsereganya tumalano 
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Theetso ya go tlisa kutlwano ke mokgwa wa tsamaiso o o mokhomišenara  e kopang le maphata a a sa utlwanang  go sekaseka mekgwa yotlhe e e ka dirisiwang go bona tharabololo go tlisa kutlwano.

Tsela ya go tsereganya go tlisa kutlwano  e rarabolola ka bonako tsamaiso e e kgobelelang go mongwe kwa ditirong le peseletso e e kgobelelang e dirisiwa jaak mokgwa wa go tsereganya le go tlisa kutlwano. Tsela e, e dumelela tsereganyo ya go tlisa kutlwano go diragala jaaka mokgwa o o tswelelang ka letsatsi leo, fa go tlhokega.

Go tlisa kutlwano go rarabolola dikgotlhang ka bonako e bile ka tlhamalalo. Tsela ya go tlisa kutlwano ga e a tlhakatlhakana, ga e tlhotlhwagodimo e bile ga e dumelele kemelo epe ya semolao. Ke tshweetso ya go tlisa tharabololo e, mo matsogong a maphata a a amegang.

Mo kopanong ya morero wa go tlisa kutlwano mothapi a ka tla ka namana kgotsa a ka emelwa ke mokaedi kgotsa mothapi yo mongwe kgotsa mokgatlho wa bathapiwa. Mothapiwa a ka emelwa ke motlhankedi wa lekgotla le le ikwadisitseng la semmuso le le emetseng badiri.

Fa modirakopo a retelelwa ke go nna teng kwa kokopanong ya theetso mo nakong e e umakilweng, kgang e e tla tshololwa. Fa modirakopo a ka eletsa go tswelela, kopo ya go fedisa molato wa pelesetso e tshwanetse go diriwa.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tlatsa foromo ya LRA7.11 mme o e romele kwa go Khomišene ya Kutlwano, Botsereganyi le Poelano  mo porofenseng ya gago fa kgotlhang e, e diragetseng kgotsa e itemogetsweng teng.
Neelana ka khopi ya foromo go mongwe wa maphata amabedi a.
Lemosa gore khopi e neetswe mongwe wa maphata a, ka go e gokelela le dilo tse di latelang mo kopong ya gago:

khopi ya setlankana se se kwadisitsweng kwa Posong
khopi ya setlankana se se saenweng fa khopi ya foromo e tlisiwa ka letsogo
puo e e kwadilweng mme ya saenwa ke motho yo gorositseng khopi ya foromo, go netefatsa gore tirelo e, e diragaditswe
khopi ya setlankana sa fakese ya go netefatsa kgotsa bopaki jo bo kgodisang jwa gore tirelo e, e diragaditswe.


Godimo

Molao o dirisiwang



Labour Relations Act, 1995  Section 133 and 191 , .

Godimo

Boemo jwa tirelo

E ka tsaya malatsi a 30.

Godimo

Tlhotlhwa

Tirelo e, ga e duelelwe.

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Referring a dispute to the CCMA for conciliation, Form LRA7.11 


Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


