﻿
Kopo ya tshwanelo ya go potiela


Tlhaloso

Tshwanelo ya potielo ke tumelelo e e letlang khamphane kgotsa motho go sekaseka kgotsa go tlhotlhomisa karolo ya lefatshe ka maikaelelo a go itemogela minerale o o leng teng. Motho mongwe le mongwe yo o eletsang go dira kopo ya tshwanelo ya potielo o tshwanetse go dira kopo ya gagwe kwa ofising ya Mookamedi wa Kgaolo o lefatshe le leng mo kgaolong ya gagwe.

Tshwanelo ya go potiela e tsaya dingwaga di le tlhano, mme fa dingwaga di le tlhano di fetile, o ka nna wa dira kopo ya go ntšhwafatsa tshwanelo ya potielo, ka dingwaga tse di sa feteng tse tharo.

Tshwanelo ya potielo e tla abiwa fa o kgotsofatsa ditlhokego tse di latelang:

Fa mokopi a na le madi le bokgoni go diragatsa potielo e a e kopang ka botlalo.
Lenane la ditšhelete le nyalana le potielo e go ikaelelwang go e dira le sebaka se se tla e tsayang.
Ga go kitla go amogelwa leswefatso kgotsa tshenyo mo tikologong e e ka tlholwang ke fa potielo e dirwa.
Mokopi o tshwanetse go dira tiro go ya ka motheo o o beilweng ke Molao wa Meepo wa Boitekanelo le Pabalesego 
Mokopi ga a dire sepe se se ganetsanang le Molao wa Kgolo ya Ditlamelo tsa Dimerale le tiriso ya Lookwane.
Ga go motho ope yo o nang le tshwanelo ya potielo, tshwanelo ya moepo, tumelelo ya moepo kgotsa tumelelo ya go itseela lefelo la diminerale mo nageng.

Fa o tlhoka tshedimosetso e nngwe gape, ikgolaganye le ba Lefapha la Dimenerale le Maikatlapelo.
Dikgato tse di latelwang
Dira kopo kwa kantorong ya Mookamedi wa Kgaolo wa Lefapha la Dimerale le Maikatlapelo mo kgaolong e lefelo le leng mo go yona.
Tlatsa Foromo B: Kopo ya tshwanelo ya potielo, mme o e romele le dimametlelelo tsotlhe go The Regional Manager of the Department of Minerals and Energy yo lefelo le o dirang kopo ya lona le le mo kgaolong ya gagwe.
Foromo e tshwanetse go romelwa ga mmogo le tuelo e o se kitlang o e busediwa.
Fa Mookamedi wa Kgaolo a ka amogela kopo ya gago, o tla go kopa go romela lenane la tsamaiso ya tikologo le go rerisana le mong wa lefelo, monni wa semolao, kgotsa motho mongwe le mongwe yo o amegang.
Romela tumalano ya dipuisano go Mookamedi wa Kgaolo mo malatsing a le 30.
Fa ditlhokego tsotlhe tse di setse di diragaditswe, Mookamedi wa Kgaolo o tla romela lekwalokopo la gago kwa go Tona go le sekaseka.
Molao o dirisiwang
 
Mineral and Petroleum Resources Development Act: Regulations .
Broad Based Socio Economic Empowerment Charter for the South African Mining Industry 
A Guide for a Prospecting Work Programme to be Submitted for Applications for Prospecting Rights in terms of the Mineral and Petroleum Resources Development Act, 2002  (Kaedi ya Potielo ya Lenane la Tiro e e tshwanetseng go romelwa go dira Dikopo tsa Tshwanelo ya Potielo go ya ka Molao wa Kgolo ya Ditlamelo tsa Dimerale le tiriso ya Lookwane wa

Boemo jwa tirelo

Fa Mookamedi wa Kgaolo a sa amogele kopo ya gago, o tla go itsise ka lekwalo mo malatsing a le 14 mme a romela lekwalokopo kwa go wena.

Fa Mookamedi wa Kgaolo a amogela kopo ya gago o tla go itsise mo malatsing a le 14 go romela lenane la tsamaiso ya tikologo, le go buisana le mong wa lefelo kgotsa monni wa semolao ga mmogo le batho bangwe ba ba amegang.
O tshwanetse go romela lekwalo la dipholo tsa dipuisano tse o neng o di dira le kwa go Mookamedi wa Kgaolo mo malatsing a le 30.
Fa ditlhokego tsotlhe tse di setse di diragaditswe, Mookamedi wa Kgaolo o tla romela lekwalokopo la gago kwa go Tona go le sekaseka

Tlhotlhwa

Tlhotlhwa e tla laolwa ke Mookamedi wa Kgaolo go ya ka minerale o o ikaelelang go rafa.

Diforomo tse di tladiwang

Form B: Application for prospecting rights

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala



