﻿

Kopo ya motho yo o batlang go nna morasefe wa sepodisi

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Motho yo o batlang go nna morasefe wa sepodisi ke tokololo ya setšhaba e e tla dirang nakwana  a dira mediro ya sepodising kgotsa ditiro tsa Tirelo ya Sepodisi mo Aforika Borwa  go ya ka boithaopi jwa gagwe kwa ntle ga dituelo dipe mo ditirelong tseo.

O tshwanetse go nna morasefe wa sepodisi mo ditlhopheng tse di latelang:

Morasefe wa Setlhopha sa - Mediro ya sepodisi :


go diragatsa mediro yotlhe mo dikarolwaneng tsa dikgato tsa sepodisi gongwe kwa lefelong la seteišene kgotsa mo boemong jwa porobensi, fela e seng mediro e e kgethegileng.

o ka nna wa apara yunifomo

o tla katisiwa mo dintlheng tse di nepagetseng tsa mediro ya sepodisi .


Morasefe wa Setlhopha sa B - Ditirelo tsa tshegetso


go diragatsa ditirelo tse di rileng tsa mediro ya tshegetso mo bokgoning jwa tsamaiso mo
maemong a lefelo kgotsa seteišene sa bosetšhaba, sa porofense, mme o ka se ke wa diragatsa mediro ya sepodisi

o se ke wa apara yunifomo fa go kgonagalang teng, o katisiwe mo dintlheng tse di nepagetseng tsa molao, tsa pholisi le ditaelo, tse di leng teng mo medirong ya gagwe e e rileng.


Morasefe wa Setlhopha sa C - Mediro ya sepodisi e e kgethegileng:


o tshwanetse go nna le bokgoni jo bo rileng kgotsa boitseanape jo bo ka diragadiwang ke Tirelo ya Sepodisi , sekao;.mofofane, ngaka/moalafi, bakodumedi, badiredi loago kgotsa ba saekholoji.

o tla diragatsa mediro e e rileng mo lefelong la gagwe la boitseanape

o ka apara yunifomo ka thebolo ya molaodi wa gago

o ka katisiwa mo dintlheng tsa molao tse di nepagetseng, pholisi le ditaelo tse di leng teng mo modirong wa gago o o rileng.


Morasefe wa Setlhophasa D - Go dira ditiro tsa sepodisi mo makokong a mo magaeng le mo metsesetoropong.


go diragatsa mediro ya sepodisi mo dikarolwaneng la ditiragatso tse di tsamaelanang le dikarolwana tsa sepodisi mo mafelong a metsesetoropong le a magae mo lekokong le le rileng la maemo a seteišene, kgotsa o tla diragatsa fela ditiro mo mafelong a a rileng mo lekokong le le rileng jaaka go tlhomamisitswe ke molaodi.

o ka apara yunifomo, go tla ya le tiriso

o tshwanetse go katisiwa mo dintlheng tse di nepagetseng tsa lekoko la sepodisi le/kgotsa mediro ya sepodisi e e tsamaelanang le ditiro tsa gago. Katiso e e oketsang e nngwe e tla batliwa fa e le gore o tla nna le seabe mo ditiragatsong tsa karolo ya sepodisi.



Morasefe yo o tlhophilweng mo setlhopheng sengwe o tshwanetse go ka nna a sutisediwa kwa setlhopheng sengwe le sengwe fa e le gore o obamela ditlhokego tsotlhe tsa setlhopha sengwe se se rileng le gore o dirile kgotsa o ikemiseditse o dira katiso e e batlegang ya setlhopha seo.

Go ya ka melawana ya Tirelo ya Morasefe wa Sepodisi mo Aforika Borwa  o tshwanetse go:

nna moagi wa leruri wa mo Aforika Borwa:

o nne bogolo jwa dingwaga tsa go lekana 18, mme o nne ka fa tlase ga dingwaga di le 70 ka bogolo

o tlatse lenaneo la boitekanelo la dipotso tse o di neilweng go bona dikarabo tse di tla sekasekiwang go bona fa go na le tshedimosetso e e ka dirisiwang go ya ka fa moikanisi a tlhomamisitseng ka teng

ga o na bokoa mo monaganong, bolwetse kgotsa botlhokaboitsetsepelo jo bo ka kopakopanang le bodiragatso jo bo nepagetseng jwa ditiro tsa gago

nna motho yo o nang le maitseo, yo mo go ena go tla tshwanelang go bona dipatlisiso tsa maitshetlego a gagwe tse di nepagetseng

ka katlego feleletsa teko ya go lekanyetsa bokgoni jwa monagano kgotsa ditlhatlhobo/ditekanyetso  tse di tlhomamisitsweng ke Moikanisi wa Bosetshaba wa Sepodisi (National Commissioner of Police

o nne le setifikeite se segolwane  kgotsa borutegi bongwe bo bo tsamaelanang le setifikeite se segolo, mme o neele ka tokomane ya netefatso

kgona go bua le go kwala Seisemane jaaka nngwe ya dipuo tsa semmuso

dumela gore go diriwe kgatisomenwana, mme go fitlhelwe e le gore ga o a bonwa molato gope kgotsa ga o ka fa tlase ga botshotshosi ka ntlha ya molato

ikemisetse go isiwa katisong

ikemisetse go dira mo kantorong ya moikanisi 

o se ke wa nna le matshwaotlanyo a a bonagalang; le

fa o ka kgona o nne le lekwalotetla la go kgweetsa, le fa e le gore ga se selo se se tlhokegang pele mo go morasefe.


Godimo

Dikgato tse di latelwang

e tla mo seteišeneng sa mapodisi se se gaufi le wena
Tlatsa foromo ya kopo ya SAPS 93
foromo e e batlang lefelo le o nnang mo go lona le diaterese le megala 
go ikana
lenaneo la boitekanelo la dipotso tse di batlang go arabiwa le le neilweng batho gore go tle go bonwe tshedimosetso e e ka dirisiwang, 
lenaneo la pabalesego la dipotso tse di batlang go arabiwa le le neilweng gore go bonwe tshedimosetso e e ka dirisiwang.Z204 fa e le gore ga o moagi wa mo Aforika Borwa
foromo ya patlisiso ya kgatisomenwana  )
tumelelo go tswa kwa batsading ba gago kgotsa kwa motlhokomeding wa gago  fa e le gore o ka fa tlase fa dingwaga di le 21 ka bogolo
tlisa ditokomane tse di latelang:

khopi e e ikanetsweng ya lekwalotshupo/lekwalokao/pasa
khopi e e ikanetsweng ya lekwalotetla/laesense ya gago, fa e le gore o na le yona
dikhopi tse di ikanetsweng tsa borutegi jwa gago jwa botlhalefi.


Ke mang yo o ka se tlhophiweng go nna morasefe:

o motho yo o gololotsweng gore ga a itekanela go ya ka kalafo mo mothaping wa gagwe wa nako e e fetileng.
o motho yo o neng e le tokololo ya pele ya Tirelo ya Sepodisi mo Aforika Borwa  yo kopo ya gagwe gore a boelediwe mo lenaneong e gannweng
o motho yo o nang thapilweng mo phatlhatirong nngwe kgotsa mo kantorong mo mokgatlhong mongwe wa sepolitiki
o mokwaladikgang wa leruri kgotsa moemedi wa mekgwaphasalatso
o moithuti
o motlhankedi wa sepodisi wa pabalesego
o tokololo ya Tirelo ya Sepodisi sa masepala 

Godimo

Molao o dirisiwang



The South African Police Service Act, 1995  
The Regulations for the South African Reserve Police Service) 

Godimo

Boemo jwa tirelo

Fa e le gore go ka fitlhelwa e le gore o motho yo o tshwanetseng, kopo ya gago e tla rebolwa ke moikanisi wa Lefelo, mme o tla tshwanelwa ke go dira maikano. O ka se letlelelwe go diragatsa mediro  pele o ka feleletsa katiso ya gago. Go latela seo, o tla neelwa ka setifikeite sa go tlhophiwa sa semmuso.

Godimo

Tlhotlhwa

Ditirelo ga di duelelwe.

Godimo

Diforomo tse tladiwang

Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


