Phemiti ya mokopi wa botshabelo
Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Kopo ya phemiti ya kagisano
Tumelelo ya lebotho la lewatle
Tumelelo ya kananyo ya manane a setso
Phemiti ya mokopi wa botshabelo
Kopo ya go fiwa tumelelo ya kalafi ya melemo
Kopo ya phemiti ya go dira
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Go fudugela kgotsa go etela mo Aforika Borwa
Boagi jwa nakwana
Phemiti ya mokopi wa botshabelo
Kopo ya phemiti ya mokopi wa botshabelo
Tlhaloso
Kopo ya botshabelo e dirwa ke mokopi gore a tle a amogelwe jaaka motshabi mo nageng.
Mokopi wa botshabelo ke motho yo o tshabileng kwa nageng ya gaabo a tshaba go bogisiwa ( e ka nna ya seloago, setso, dipolotiki, bodumedi kgotsa ekonomi) mme mokopi o a bo a kopa go amogelwa jaaka motshabi- mo lebakeng le mo Aforika borwa. Mokopi o tla tsewa e le mokopa botshabelo fa kopo ya gagwe e ntse e sekwasekwa.
Mokopi wa botshabelo o tla newa phemiti e e sa ntšhwafadiweng kwa lefelo-bogorogelong la Aforika borwa (kwa melelwaneng, kwa boemafofane kgotsa kwa boemakepe) Phemiti e tsaya malatsi a le 14 mme e naya mong wa phemiti sebaka sa go ipega ka Ofising ya Kamogelo ya Batshabi gore a kgone go dira kopo ya botshabelo.
Motshabi ke motho yo o setseng a abetswe maemo a botshabi le tshireletso go ya ka Molao wa Batshabi [Refugee Act, 1998]
Fa o batla tshedimosetso, e nngwe gape, e ya go Lefapha la Merero ya Selegae.
Dikgato tse di tshwanetseng go latelwa
Mmatla botshabelo o tshwanetse go tlisa kopo ka sebele kwa lefelo le le tshwailweng RRO, kwa dilo tse di latelang di tla dirwang:
Mokopi o tla sekasekwa
Mokopi o tla gatisiwa menwana
Go tla batlwa moranodi (fa go tlhokega)
Puisano ya ntlha e tla tsamaisiwa ke RRO mme mmatla botshabelo o tla tlatsa foromo BI-1590.
Phemiti ya mmatla botshabelo e tla gatisiwa, ya saeniwa, ya tempiwa mme ya neelwa mmatla botshabelo.
Phemiti e e tsayang malatsi a le 30, e tla letla mmatla botshabelo go nna mo Aforika borwa nakwana. Phemiti e ka katoloswa ka malatsi a le 30 gape mme morago e ka katoloswa ka dikgwedi di le tharo.
Tlhomamiso ya Maemo a Batshabi (RSDO) e tla tswela pele go tlhatlhoba kopo mme e tla tsaya tshwetso malebana le kopo ya botshabelo.
Fa mokopi a ka newa botshabelo, ( lekwalo le le amogelang maemo a gagwe a botshabi) Motshabi o tshwanetse go dira kopo ya karata ya boitshupo ya batshabi kwa RRO nngwe le nngwe mo malatsing a le 15.
Maemo a botshabi a tsaya dingwaga di le pedi, fela motshabi a ka kwala lekwalo le le kopang gore maemo a gagwe a sekasekwe kgotsa nako ya gagwe e okediwe dikgwedi di le tharo pele lekwalo la botshabi le ya bokhutlong.
Melao e e tshwanetseng go latelwa
OAU Convention e e tsamaisang Mefama e e rileng ya Mathata a Batshabi mo Aforika
Protocol e e mabapi le maemo a batshabi
Tumalano ya Motheo magareng ga Aforika borwa le UNHCR
Boemo jwa Tirelo
Dikopo di ka tsaya dikgwedi di le thataro.
Tlhotlhwa
Tirelo e ga e duelelwe.
Diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa
Bodirelo, diaterese le megala
Tsweetswee, tlhopha porofense
Bokone-Bophirima
Kapa-Bodikela
Kapa-Bokone
Kapa-Botlhaba
Mpumalanga
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
