﻿
Kopo ya phemiti ya go tlhoma lefelo la tsamaiso ya paakanyo ya ditlhapi
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Lefelo la tsamaiso ya paakanyo ya ditlhapi   ke koloi, mokoro, ntlo kgotsa lefelo mo sere  kgotsa ketla  e ntshiwang mo tlhaping. Sere se ka baakanngwa ka mokgwa ofe kapa ofe jaaka go sega, go se kgaola, go se kgaoganya ka diripana, go se phepafatsa, go se rulaganya ka mefuta e e tshwanang, go lolamisa kgotsa go boloka tlhapi. Lefelo le, le akaretsa le lefelo le tlhapi e tsenngwang mo thining, e phuthelwang, e omisiwang, e buiwang, e nokiwang letswai, go tsenngwa mo setsidifatsing, go gatsetsiwa kgotsa go e baakanyetsa go rekisiwa mo Repaboliki ya Aforika Borwa kgotsa kwa dinageng tsa kwa ntle.

Fa o batla go tsaya karolo mo tsamaisong ya paakanyong ya tlhapi, sa ntlha o tshwanetse go dira kopo ya FPE/ tshwanelo ya go baakanya tlhapi mme o abelwe tshwanelo e. Go diragatsa tshwanelo ya go baakanya tlhapi kgotsa go tsamaisa lefelo la go baakanya tlhapi, FPE, o tshwanetse go dira kopo ya phemiti e e ntšhwafadiwang ngwaga mongwe le mongwe e e tla abiwang ke Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala . Mong wa phemiti o tshwanetse go latela melawana e e kwadilweng mo phemiting. Fa mokopi a ka palelwa ke go latela melawana e, phemiti e ka beelwa kwa thoko nakwana kgotsa ya khanselwa.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

O ka dira kopo ya tshwanelo ya go thaya ditlhapi fa o laleditswe go dira jalo go tswa mo legatisong la Kuranta ya Puso.

Fa o dira kopo, bona foromo go tswa kwa dikantorong tsa Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala  , kgotsa go tswa mo mafelong a Lefapha le go isiwang diforomo mo go ona jaaka ba tla itsise batho.

Buisa ka kelotlhoko mme o netefatse gore o tlhaloganya tsotlhe sentle le gore o kgotsofatsa ditlhokego tse di beilweng.

Tlatsa foromo, o e saene o bo o e ise ga mmogo le ditokomane tse di kanetsweng tse di tlhokegang o bo o tsenye le madi a tuelo a o ka se a busediweng.

Dithulaganyo tsa go sekaseka dikopo di tla simolola morago ga letlha la bofelo la go tsenya dikopo mme dipholo di tla itsisiwe ka lekwalo go tswa go DEA&T. Fa e le gore o abelwa tshwanelo ya FPE, o tshwanetse go dira kopo ya go tlhoma lefelo la tsamaiso ya paakanya ditlhapi mme o tshwanetse wa bo o kgotsofatsa ditlhokego tsotlhe pele o ka fiwa phemiti.

Thebolo ya go tlhoma lefelo la tsamaiso ya/go baakanya ditlhapi e ka sekasekiwa ka fa tlase ga maemo a a kgethegileng, mme se se ka dirwa go ya ka kakanyo ya Tona ya Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala .

Fa thebolo ya FPE e abiwa, o tshwanetse go dira kopo ya go tlhoma lefelo la tsamaiso/go baakanya ditlhapi.


Godimo

Molao o dirisiwang



The Marine Living Resources Act, 1998  

The National Environmental Management Act, 1998  

The National Biodiversity Act, 2004  

The National Marine Protected Areas Act, 2003  

The Sea Birds and Seals Protection Act, 1973  
The Sea Fishery Act, 1988  
The Sea-shore Act, 1935  
The International Convention for the Prevention of Pollution from Ships Act, 1986  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Kopo ya tshwanelo ya go tlhoma lefelo la FPE e ka tsaya dikgwedi di le 1 go ya go 3 kgotsa go feta, go ya fela ka bontsi jwa dikopo. Kopo ya phemiti ya go tlhoma lefelo la tsamaiso/go baakanya ditlhapi FPE e ka tsaya letsatsi le le 1 kgotsa go feta, go ya fela le gore o dirile kopo ya gago ka tshwanelo.

Godimo

Tlhotlhwa

Dituelo di sekasekiwa ke Tona kgotsa baaemedi ba gagwe, ka tirisano le Tona ya Matlotlo.

R6 000 – Go dira kopo ya FPE/tshwanelo ya go thaya ditlhapi: go tlhoma lefelo la tsamaiso ya go baakanya ditlhapi.

R1 330 e tlhakana le tuelo ya kopo R125 – Kopo ya phemiti ya go thaya ditlhapi: go tlhoma lefelo la tsamaiso ya go baakanya ditlhapi.


Godimo

Diforomo tse tladiwang



Application for a Fish Processing Establishment Permit

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


