
Kopo ya go begela Letlole la Pusetso ka ga kotsi mo tirong
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Molao wa Tuelelo ya Dikgobalo le Malwetse a mo Tirong, 1993, o batla gore bathapi ba bege dikotsi tsotlhe tse di tlhagelelang mo tirong kwa Letloleng la Pusetso.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Bathapi ba tshwanetse go tlatsa Karolo A ya foromo ya W.Cl.2.
Bathapi ba tshwanetse go gagola Karolo B ya foromo ya W.Cl.2 mme ba e neele ngaka kgotsa bookelo go e tlatsa ka bonako jo bo kgonegang morago ga kotsi.
Bathapi ba tshwanetse go romela Karolo A ya foromo e e tladitsweng go Letlole la Pusetso ka bonako jo bo kgonegang morago ga kotsi.
Bathapi ga ba tlhoke go emela Karolo 2 ya foromo e e tladiwang ke ngaka pele ba ka romela tleleimi. Morago fela ga fa bathapi ba sena go amogela karolo ya foromo ya ngaka, le yona ba ka e romela.
Ditleleimi di ka romelwa go:
The Compensation Commissioner
PO Box 955
Pretoria
0001
Bathapi ba tshwanetse go duela moputso go modiri mo dikgweding tse tharo tsa ntlha morago ga kotsi. Letlole la Pusetso le tla busetsa mothapi tuelo eo.
Bathapi ba tshwanetse go romela pegelo ya ntlha ya ngaka  fa ba sena go e bona go tswa kwa ngakeng.
Fa modiri a sa kgone go boela tirong sebaka se seleele, bathapi ba tshwanetse go bona pegelo e nngwe ya ngaka  mme ba e romele kwa Letloleng la Pusetso kgwedi nngwe le nngwe.
Fa modiri a simolola go dira gape, bathapi ba tshwanetse go romela pegelo ya tshimololo gape  le pegelo ya bogelo ya ngaka  kwa Letloleng la Pusetso.

Godimo

Molao o dirisiwang



Compensation for Occupational Injuries and Diseases Act, 1993  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Se se tla ikaega ka gore a tshedimosetso yotlhe e tladitswe sentle.

Godimo

Tlhotlhwa

Tirelo e ga e duelelwe.

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Employer's report of an accident, ID: W.Cl.2 
First medical report in respect of an accident, W.Cl.4 
Final or progress medical report in respect of an accident, ID: W.Cl.5 
Resumption report, ID: W.Cl.6 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


