﻿
Kitsiso ya go fetolwa ga mong kgotsa thekiso ya serori
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Se ke go neela bothati jo bo kwadisang tsa pharakano kitsiso ya gore mong wa serori o fetotswe. Kitsiso e tshwanetse go romelwa go bothati jo bo kwadisang mo matsatsing a le 21 go tloga ka letsatsi le diphetogo tseo di diragatseng ka lona.

Yo serori se leng mo diatleng tsa gagwe  kgotsa mong o tshwanetse go saena setifikeiti sa ga jaana sa kwadiso mme a se neele mong yo mošwa.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Mong wa ga jaana wa serori seo o tshwanetse go ikgolaganya le kantoro e e gaufi ya tsa pharakano
Tlaya le ditlankana tse di latelang:

setifikeiti sa kwadiso ya serori
sekgomaretswa se se dirang sa laesense
lekwaloitshupo.


Godimo

Molao o dirisiwang



National Road Traffic Act, 1996  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Kopo e e diragadiwa ka lona letsatsi leo.

Godimo

Tlhotlhwa

Ditirelo ga di duelelwe.

Godimo

Diforomo tse tladiwang

Kitsiso ya phetolo ya mong kgotsa thekiso ya serori e ka bonwa kwa kantorong ya tsa pharakano.

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


