﻿
Kitsiso go Nedlac gore mokgatlo wa badiri kgotsa mokgatlo e e kopaneng ya badiri e akanya go dira boipelaetso
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Karolo ya bo 77 ya Molao wa Dikamano tsa Ditiro wa 1995, o neela badiri dithata tsa go tsaya karolo mo boipelaetsong go rotloetsa kgotsa go sireletsa dikgatlhegelo tsa selegae le moruo mme e di sireletse kgatlhong le go belesediwa mo tirong le tse dingwe tsa dikgato tsa kgalemo. Se se naya Khansele ya Bošetshaba ya Tsweletsopele ya Moruo le Ditiro  – jaaka mokgatlho o dirang melawana mme o bopilwe ke baemedi go tswa pusong, kgwebong, badiring le setšhabeng – tiro ke ya go kopanya maphata mmogo ka maikaelelo a go rarabolola mathata a go dira boipelaetso.

Nedlac e tshwanetse go itsisiwe ka ga boipelaetso mo foromo e e rileng . Mo foromong e mabaka le mofuta wa maikaelelo a go batla go dira boipelaetso a tshwanetse go tlhagisiwa ka tlhomamo. Se ga se tsenyeletse letlha leo boipelaetso bo ikaelelwang go diragadiwa ka lona, ka se se ka nyatsa mokgwa wa go bona tumalano.

Fa maiteko a go bona tharabololo a retelelwa, mokgatlho kgotsa mekgatlho e e kopaneng ya badiri e tshwanetse go neelana ka kitsiso ya bobedi go Nedlac mo ba itseseng ka maikaelelo a bona go tswelela ka go dira boipelaetso. Kitsiso ya bobedi e tshwanetse go neelwa Nedlac mo tekanong ya bonnye jwa malatsi a le 14 pele ga boipelaetso bo simolola.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Itsise Nedlac ka maikaelelo a mokgatlho wa badiri a go tsweletsa boipelaetso.
Mokwaledi wa mokgatlho wa badiri kgotsa mekgatlho e e kopaneng ya badiri e tshwanetse go tlatsa foromo ya kopo.
Romela foromo e e tladitsweng go:
Executive Director
Nedlac
P.O Box 443
Auckland Park
2006

Godimo

Molao o dirisiwang



Labour Relation Act, 1995  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Nedlac e tshwanetse go amogela foromo bonnye malatsi a le 14 pele ga dira boipelaetso.

Godimo

Tlhotlhwa

Ditirelo ga di duelelwe.

Godimo

Diforomo tse tladiwang

Notice to Nedlac of intention to proceed with protest action form, LRA 4.5 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


