﻿

Kitsiso ya tlhabololo ya kemo ya theo ya kgwebo e e kopetsweng
Tlhaloso



Maikaelelo a tirelo e ke go itsise Mokwadise wa Dikhamphane ka ga diphetogo tse di mo kgwebong ya gago e e kwadisitsweng. Diphetogo tse di farologana go tswa go maloko a mantšhwa a a tsenngwang mo kgwebong kgotsa a a ikgogelang morago, go fitlha ka go amogelwa ga ramatlotlo, diaterese tsa poso jalo-jalo.

Fa go na le diphetogo tse di dirilweng malebana le kgwebo e e kopetsweng e e kwadisitsweng-kgotsa tsalano ya maloko  kgotsa diphetogo malebana le ramatlotlo kgotsa aterese ya poso ya CC -go botlhokwa go kwadisa diphetogo tse kwa ofising ya Ikwadiso ya Dikgwebo tse di Kopetsweng 

Diphetogo di tshwanetse go rekotiwa mo Kemong ya Tlhabololo ya Motheo . Dintlha tsa botlhokwa malebana le go tladiwa ga diforomo tsa CK2 di kwadilwe mo tsebeng ya morago ya tsebe 2 mme e bile di tshwanetse go ithutiwa pele diforomo di tladiwa.

Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, o ka ya go Companies and Intellectual Property Registration Office.

Dikgato tse di tshwanetseng go latelwa

Sitlholola foromo ya kopo CK2 mme o tlatse dikarolo tse di leng maleba go wena.
Tlatsa karolo A fa e le gore go nnile le phetogo ya leina la CC kgotsa sebopego tsa kgwebo.
Tlatsa foromo CK2A malebana le diphetogo tsa ramatlotlo kgotsa aterese ya kgwebo. Tlatsa karolo B ya foromo fa go na le diphetogo tsa dintlha tsa maloko.
Tlatsa diforomo CK2 le CK2A ka enke e ntsho, o dirisa ditlhaka tse dikgolo.
Romela foromo ya motheo ya CK2 kgotsa CK2A kwa ofising ya Ikwadiso ya Kgwebo e e Kopetsweng.
O tshwanetse go romela khopi e e kanisitsweng ya setefikeiti sa ikwadiso ya CC.
Romela makwaloitshupo a maloko a a amegang a CC.
Duela madi a a tlhokegang.

Diforomo tse di phimotsweng le go kwalwa gape ga di kitla di amogelwa. Fa diphetogo di setse di konoseditswe, setefikeiti se se tlhomamisang kwadiso ya ditlhabololo se tla romelwa kwa Kgwebong e e kopetsweng ka poso.

Melao e e dirisiwang

Close Corporations Act, 1984 , Section 15 
Business Names Act, 1960  

Boemo jwa Tirelo

Tirelo e ka tsaya malatsi a le robedi go konosediwa.

Tlhotlhwa

Karolo A ya CK2 e tla nna R30.
Diforomo tse di tladiwang



Amended founding statement, CK2 
Amendment wrt respect to accounting officer and addresses, CK2A 

Bodirelo, diaterese le megala



