
Kopo ya go kwadisiwa jaaka modiri, morekisi kgotsa moagi wa dirori
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Mongwe le mongwe yo o dirang, agang, fetolang kgotsa go reka dirori go tswa kwa ntle e le kgwebo, kgotsa a di rekisa o tshwanetse go kwadisiwa le Lefapha la Dipalangwa.

Morago ga go amogela kopo, lefapha la porofense le tla romela batlhatlhobi ba lona go sekaseka kopo malebana le go nyalana ga yona le melao e e maleba.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Ikgolaganye le Lefapha la Dipalangwa la porofense ya gago.
Tlaya le ditlankana tse di latelang:


khopi e e kannweng ya lokwaloitshupo lwa gago
khopi e e kannweng ya setifikeiti sa kgweboa certified copy of the business certificate
lekwalo le tetla fa o emetse setlamo
nomoro ya Khoutu ya Custom go tswa go Tirelo ya Lekgetho ya Aforika Borwa 
setifikeiti sa tumelelo go tswa go Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa.


Godimo

Molao o dirisiwang



National Road Traffic Act, 1996  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Kopo e e diragadiwa ka lona letsatsi leo mme setifikeiti sa kwadiso se rebolwa letsatsi le le latelang.

Godimo

Tlhotlhwa

