﻿
Go dira boikuelo jwa ngongorego kgotsa go itsise Bokaedi jwa Dingongorego jo bo Ikemetseng ka bojona  mabapi le dintsho mo pabalelong ya sepodisi ka ntlha ya ditiro tsa mapodisi    



Tlhaloso 

O ka nna wa dira boikuelo jwa ngongorego kgotsa wa itsise Bokaedi jwa Dingongorego jo bo Ikemetseng ka bojona  ka dintsho mo pabalesegong ya sepodisi ka ntlha ya ditiro tsa mapodisi, go bogisa kgotsa ka ntlha ya tlhophololo ya morafe. Se, gantsi se bidiwa gore ke ngongorego ya Karolo ya I.

Fa o batla go bona tshedimosetso e nngwe gape, e ya kwa Bokaeding jwa Dingongorego jo bo Ikemetseng ka bojona. 


Dikgato tse di tshwanetseng go latelwa 



Bega dintsho tse di tlholegang mo pabalesegong ya sepodisi ka mogala kgotsa ka go kwalela kantoro ya ICD e e gaufi le fa o nnang teng.
Ka ntlha e nngwe, o ka nna wa tlatsa foromo ya Pegelo ya Dingongorego mme wa e fekesetsa kwa kantorong ya ICD e e gaufi le fa o nnang teng.
Neela ICD ka tshedimosetso e e latelang:
Leina le diaterese le megala ya motswasetlhabelo le/kgotsa mongongoregi.
Leina le maemo a motlhankedi wa sepodisi yo o leng mmelaelwa.
Leina la seteishene sa mapodisi kgotsa masepala mo motlhankedi wa sepodisi yo o leng mmelaelwa a leng teng.
Nomoroe o e filweng ke sepodisi, fa e le gore e teng.
Letlha, nako le mokgwa o mapodisi a reteletsweng ka teng go thusa motswasetlhabelo.
Diaterese le megala tsa paki, fa e le gore di teng.




Molao o o dirisiwang 



, Karolo 53 



Boemo jwa Tirelo 



ICD e tla batlisisa ka ga kgetsi ka go ya kwa lefelong le mo go lona go nang le tshenyo, mme ba tseye setatamente mo paking.
Dipatlisiso di ka tsaya malatsi a le 30 kgotsa go feta foo, go tla mo go reng kgetsi e masisi go le kana kang..
ICD e tla romela pegelo le dikatlanegiso kwa Mokaeding wa Boatlhodii  jwa Bosetšhaba le khopi kwa Tirelong ya Dipegelo ya Sepodisi mo Aforika Borwa  go ya kwa go modirelwa.
ICD e tla iponagatsa go Lefapha la Ditiro tsa Dipegelo la SAPS go ya kwa go modirelwa.
ICD e tla romela Pegelo ya Ponomolato/Kgololo ya Tumelelo/kgololo ya Pegelo  kwa go modirelwa.
Tlhomo ya matseno a dipegelo tsa bofelo e tla tsaya malatsi a le 28..
Dipegelo tsotlhe tse di tshwerweng mo databeising tsona di ka tsaya diura di le 48.
Tlhomo ya dikatlanegiso tsa dipegelo tsa bofelo e ka tsaya malatsi a le 14 go ay ka kamogelo ya dipegelo tsa sethekeniki.



Tlhotlhwa 



Ditirelo ga di duelelwe.



Diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa 

Foromo ya ICD ya 7 : Foromo ya Pegelo ya Ngongorego (Complaint Reporting Form: ICD FORM 7


Bodirelo, diaterese le megala    

