﻿

Kopo ya laesense ya selegae ya mokoro wa go thaya ditlhapi

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Mokoro wa go thaya ditlhapi wa selegae ke  o o abetsweng setefikeiti ke Baitseanape ba Pabalesego ya Mawatle ba Aforika Borwa  ga mmogo le Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala  Mokoro wa go thaya ditlhapi o tshwanetse go:

nna wa Moaforika Borwa o bo o laolwe ke Moaforika Borwa a le mongwe kgotsa go feta kgotsa

nna wa setheo sa kgwebo, baagi, setšhaba kgotsa mokgatlho wa batho ba ba ipopileng ka fa tlase ga melao ya Repaboliki ya Aforika borwa mme e bile bontsi jwa dišere le ditshwanelo tsa go vouta di laolwa ke Maaforika borwa.


Mokoro wa go thaya ditlhapi wa selegae ka gale o diretswe go thaya ditlhapi le go dira ditiro dingwe tse di tsamaelanang le se. Mokoro o akaretsa lootwana la kere, ditlamelo, borekisetso, morwalo, le lookwane le le pegilweng mo mokorong. Mokoro wa go thaya ditlhapi wa selegae e ka nna mokoro mongwe le mongwe o o thusang mokoro o le mongwe kgotsa e mentsi mo lewatleng go dira tiro nngwe le nngwe e e tsamaisanang le go thaya ditlhapi. Yona e ka akaretsa ditiro tse di latelang, le tse dingwe gape:

ipaakanyo

thelesa

polokelo

tsidifatsa

go pagamisa , kgotsa go rulaganya

go dira ditiro dingwe tsa go thaya ditlhapi mo Lefelong le le kgethegileng la Ekonomi   kgotsa mo metsing a boditšhabatšhaba ka fa tlase ga folaga ya Aforika Borwa.


Ga go na motho yo o tshwanetseng go dirisa mokoro wa go thaya ditlhapi kgotsa mokoro ofe kapa ofe a dirisa tshwanelo nngwe le nngwe fa e fela fa a abetswe laesense,le phemiti e e nyalanang le yona fa mong mokoro a na le tshwanelo ya go thaya ditlhapi.Fa mong wa mokoro a se na tshwanelo ya go thaya ditlhapi, o tshwanetse a bo a na le konteraka ya go dirisa mokoro go thaya ditlhapi.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Mokoro wa go thaya ditlhapi o tla sekasekiwa ke Baitseanape ba Pabalesego ya Mawatle ba Aforika Borwa   mme SAMSA e ka aba Setefikeiti sa Pabalesego.

Iponele foromo ya kopo go tswa mo ofising e e gaufi ya Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala .

O tshwanetse wa bo o na le tshwanelo ya go thaya ditlhapi . Fa o se na tshwanelo ya go thaya ditlhapi yo o nang le mokoro, o tshwanetse go tlisa konteraka, e o e dirileng le mong wa mokoro go dirisa mokoro wa gagwe, fa o tlisa kopo ya laesense ya mokoro.

Isa foromo kwa ofising e e gaufi ya Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala le na le tshedimosetso e e latelang:


leina la mokoro wa go thaya ditlhapi

leina le dintlha ka botlalo tsa mong wa mokoro 

mofuta wa enjine e e tsamaisang mokoro

boleele ga mmogo le bogolo jwa mokoro

nomoro kwadiso ya mokoro

leina la folaga ya puso e mokoro o kwadisitsweng ka fa tlase ga ona 


Supa lefelo le mokoro o tlileng go dirisiwa mo go lona ga mmogo le sebaka se se tlileng go tsewa.

Tlatsa foromo ka go e gatisa o ditlhakakgolo fela mme o kwale lekwalo le le tshegetsang kopo ya gago fa go tlhokagala.


Godimo

Molao o dirisiwang



The Marine Living Resources Act, 1998  

The National Environmental Management Act, 1998  

The National Biodiversity Act, 2004  

The National Marine Protected Areas Act, 2003  

The Sea Birds and Seals Protection Act, 1973  
The Sea Fishery Act, 1988  
The Sea-shore Act, 1935  
The International Convention for the Prevention of Pollution from Ships Act, 1986  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Kopo e ka tsaya malatsi a le 3 a tiro kgotsa go feta. fa kopo e dirilwe ka tshwanelo.

Godimo

Tlhotlhwa

Tlhotlhwa e tla laolwa ke boleele jwa mokoro.



