﻿
Kopo ya lekwalotetla la go ithutela bokgweetsi
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Laesense ya moithuti ke laesense ya nakwana e e tiisetsang gore o na le kitso ya motheo ya go kgweetsa serori. Dikhoutu tsa laesense ya moithuti di arotswe ka dikarolo tse tharo tse di nang le bogolo jo bo rileng jo bo golagantsweng le khoutu nngwe le nngwe.

Khoutu 1: Sekuta sengwe le sengwe

Sekuta sa go fitlha go 125cc – bogolo jwa dingwaga tse 16.
Sekuta se se kwa godimo ga 125cc – bogolo jwa dingwaga tse 18.

Khoutu 2: Sejanaga se se botlhofo

Sejanaga se se botlhofo - bogolo jwa dingwaga tse 17.

Khoutu 3: Serori sengwe le sengwe fela kgotsa go golaganngwa ga serori - bogolo jwa dingwaga tse 18.

Badirakopo ba tla lekiwa ka letsatsi le ba le beetsweng mme paka ya go emela teko e farologana go ya ka bommasepala.

Laesense ya moithuti e dira dikgwedi tse 18 mme e ka se atolosiwe.



Godimo

Dikgato tse di latelwang

Go dira kopo ya laesense ya moithuti tlatsa foromo ya  kwa lefelong la gaeno la diteko. Tlhagisa boitshupo le dikhopi tse di amogelegang go ya ka Molao wa Bosetšhaba wa Pharakano ya Tsela , 1996 , lekwaloitshupo la nakwana ID, phaseporoto ya Aforika Borwa).
Tlaya le ditshwantsho tse pedi tsa ID tsa bontsho le bosweu.
O tla solofelwa go dirwa teko ya matlho kwa lefelong la teko.
Duela tlhwatlhwa e e beilweng.



Godimo

Molao o dirisiwang



National Road Traffic Act, 1996  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Lekwalotetla la bokgweetsi/bokganni le ka nna la siama go tla go tseiwa mo dibekeng tse nne go ya go di le thataro.

Godimo

Tlhotlhwa

