﻿
Kopo ya tshedimosetso go tswa go boikwadiso jwa dikano.
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Boikwadiso jwa dikano bo buletswe mongwe le mongwe mo setšhabeng go bona tshedimosetso mabapi le tse latelang:

mong wa thoto e e kwadisitsweng
maemo a a amang thoto eo
dithibelo le dikonteraka tse di amang thoto
tuelotefo ya thoto
melawana e amang sekeme sa thaetlele ya karolo
khopi ya konteraka e e sa supeng tlhakanelo ya dithoto mo nyalong,  dikano tsa ditirelo, bonto ya ntlo jalojalo
khopi ya melawana ya sekeme sa thaetlele ya karolo kgotsa Sekema sa Thaetlele ya Karolo. (Ela tlhoko: se ga se khopi e netefatsaditsweng, ke fela khopi ya ka maikaelelo a tshedimosetso
maemo a go tlhoma Motsesetoropo 
tshedimosetso e e mabapi le thoto kgotsa maikano.

Godimo

Dikgato tse di latelwang


Pele tshedimosetso e ka bonwa kwa bokwadisetsong, o tshwanetse oa bo o tshwere dilo tse di latelang:

maina ka botlalo le/kgotsa nomoro ya pasa ya mong wa setsha , kgotsa gongwe letlha la gagwe la matsalo 
nomoro ya setsha le lekeišene kgotsa leina la polase le nomoro e seng aterese ya seterata. 

Go bona khopi ya dikano kgotsa ditokomane go tswa kwa bokwadisetsong jwa dikano, o tshwanetse:

go ya kwa kantorong nngwe le nngwe ya dikano 
go ya kwa tesekeng e e neelang tshedimosetso mo motlhankedi a tla go thusang go tlatsa foromo e e tlhaotsweng mme a go tlhalosetse tsamaiso
go kopa motlanyi wa dinewa  gore a go batlele tshedimosetso ka ga setsha mme
duele tefo e e batlegang kwa kantorong ya moduedisi mme o busetse resiti kwa go motlhankedi kwa desekeng ya tshedimosetso. Nomoro ya resiti e tla kwalwa mo khoping ya gago ya thaetlele.


Godimo

Molao o dirisiwang

Deeds Registries Act, 1937  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Tlhotlhomiso e tsaya metsotso e ka nna 30-60. Mo dikantorong tse di kgolwane, khopi ya kano e romelwa ka poso kgotsa e tsewa morago ga nako e e beilweng.

Godimo

Tlhotlhwa

Khopi ya konteraka e e supang go se tlhakanele dithoto kgotsa maikemisetso a tshedimosetso: R36
Tlhotlhomiso ya dikano: R6
Sekgatisi sa khomphutara: R6 ka setlangwa

Godimo

Diforomo tse tladiwang

Motlhankedi kwa kantorong ya dikano e tla go naya foromo go e tlatsa.

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


