
Kopo ya tumelelo ya thekontle ya sejanaga se se dirisitsweng

Tlhaloso

Fa o batla go dira thekontle ya sejanaga se se dirisitsweng go se tlisa mo Aforika borwa o tshwanetse go fiwa tetla e e kgethegileng go tswa go Bodiredi jwa Dikgwebo le Intaseteri kgotsa boemedi jwa bona. Bodiredi bo tla swetsa fa e le gore go ka tswela batho mosola go reka dijanaga tse di dirisitsweng go di tlisa mo Aforika borwa.

O tshwanetse go tlisa foromo ya kopo e e kailweng go dira kopo ya diphemiti tsa thekontle. Diphemiti tsa thekontle di tlhokega fa go diwa thekontle ya dithoto tsotlhe mo go tshwanetseng go dirisa taolo ya thekontle.

Diphemiti tsa thekontle di botlhokwa go netefatsa gore dithoto tsa thekontle tse di dirisitsweng ga di senye intaseteri ya Metshelo e e Kopanetsweng ya Aforika borwa  South African Customs Union . Tirelo e thusa gore go nne le taolo ya tshireletsego le gore barekisi ba tsholetse maemo a boleng jwa dithoto.

Fa o batla tshedimosetso e nngwe o ka ya go International Trade Administration Commission.

Dikgato tse di latelwang

Sitlholola foromo ya kopo, IE 462.
Naya ba Lefapha khopi e e kanisitsweng ya lekwaloitshupo la gago.
Naya ba Lefapha khopi e e kanisitsweng ya setefikeiti sa ikwadiso ya sejanaga sa gago.
Isa foromo ya gago go Bokaedi: Taolo ya Thekontle le Thekisontle ya Khomisene ya Tsamaiso ya Dikgwebo wa Boditshabatshaba Import and Export Control of the International Trade Administration Commission .

Molao o dirisiwang

International Trade Administration Act, 2002  

Boemo jwa tirelo

Go ka tsaya malatsi a le mararo go konosetsa tiro e.

Tlhotlhwa

Tirelo e ga e duelelwe.

Diforomo tse di tladiwang

Application for Importation of second hand or used vehicle 

Lefelo, bodirelo, diaterese le megala


