﻿
Kopo ya thekontle ya diphologolo go neelana ka bosika jwa yona
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Go tlhokega tumelelo ya thekontle go tswa go Mokwadise wa Tokafatso ya Diphologolo pele go ka dirwa thekontle ya diphologolo kgotsa neelano ya bolosika jwa phologolo jaaka pelwana  popelo, moroto wa senna go tliswa mo Aforika borwa.

Mokopi o tshwanetse ya bo e le moagi wa semmuso wa Aforika Borwa; sekao Moremi Molapisi Moagi T/A Diepsloot Stud.kgotsa Diepsloot Stud CC, kgotsa Diepsloot Stud  Ltd, kgotsa Diepsloot Ltd.

Fa e le gore mokopi ga a saene kopo ka boena, o tshwanetse a bo a tshotse lekwalo le le mo nayang thata ya go saena jaaka moemedi yo o saenang lekwalokopo mo boemong jwa mokopi, lekwalo la mothale o le tshwanetse go romelwa gammogo le lekwalokopo.

Fa e le gore mokopi o dirile tumalano le morekisi wa motswantle wa phologolo kgotsa bosika jwa yona go dira thekontle e e leng gore mo go yona dikatso , dituelo kgotsa dithebolelo tse di ka duelwang mo godimo ga tlhotlhwa e o rekileng ka yona, lekwalokopo le tshwanetse go romelwa ga mmogo le lekwalo la tlhomamiso go tswa go Mokaedi Kakaretso wa Lefapha la Dikgwebo le Madirelo  gore Lefapha la gagwe le rebotse tumalano ya mothale o.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Bula saete mme o tlatse diforomo tsa kopo o gatisa ka ditlhakakgolo. Diforomo di ka kopiwa go Mokwadise wa Tokafatso ya Diphologolo.
Diforomo tse di sa tladiwang ka botlalo di tla busediwa kwa go mokopi.
Mametlelela ditokomane tse di latelang mo lekwalokopong la gago:

lekwalo le le anameng le le supang tshika ya ntlha le ya bobedi
rekoto ya ditiro tsa phologolo
setefikeiti sa mofuta wa madi.

Madi a a lekaneng a tshwanetse go romelwa ga mmogo le lekwalokopo lengwe le lengwe. Ditšheke le dipousetaleoda di tshwanetse go kwalelwa go: The Director-General: Agriculture.
Dintlha tsa Banka ke:
Standard Bank
Lekala: Arcadia
Nomoro ya Akhaonte: 011219556
Khoutu ya lekala: 000845/010845
Romela dikopo go:
The Registrar of Animal Improvement
Private Bag X138
Pretoria
0001
Makwalokopo a tshwanetse go romelwa go disosaete tsa barui tse di maleba kgotsa bothati jwa ikwadiso go dira dikatlenegiso.
Tumelelo ya Tokafatso ya Diphologolo e tla romelwa go The Directorate Veterinary Services, ba ba tla abang
Tumelelo ya Thekontle ya Diruiwa. Ga go na diforomo dingwe tsa kopo tse di tlhokegang tsa Tumelelo ya Thekontle ya Diruiwa. Tumelelo ya Thekontle ya Diruiwa e na le ditlhokego tsa boitekanelo tse di rileng tse di tshwanetseng go kanisiwa ngaka ya diruiwa ya puso ya naga e e rekisang diruiwa pele merwalo e isiwa kwa ntle. Ditlhokego di ka bonwa go tswa go Senior Manager: Animal Health .

Godimo

Molao o dirisiwang



Animal Improvement Act, 1998  
Animal Disease Act, 1984   with amendments

Godimo

Boemo jwa tirelo

Kopo e ka tsaya malatsi a le 30 go konosediwa.

Godimo

Tlhotlhwa

R174

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Application for the Importation of animals and genetic material 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


