﻿
Kopo ya phemiti ya thekontle ya meento go tla mo Aforika borwa
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

O ka kgona go dira thekontle ya meento e e dirisiwang go tlhaba diphologolo ya ba ya phatlaladiwa kgotsa ya rekisiwa mo Aforika Borwa fa fela meento ya mothale o e kwadisitswe go ya ka ditlhokego tsa Molao wa Menontsha le Dijo tsa Diphologolo, Melemo ya Temothuo le Melemo ya Leruo wa 1947 .

Fa o dira thekontle ya meento e e kwadisitsweng, go e dirisa mo diphologolong, o tshwanetse go bona phemiti ya thekontle go tswa go Bokaedi jwa Boitekanelo jwa Diphologolo  Phemiti ya thekontle e dirisiwa sebakanyana se se lekaneng e bile e dirisetswa morwalo o le ese fela.

Fa o batla go dira thekontle ya moento o o sa kwadisiwang gore go tle go dirwe thutopatlisiso ka ona mo Aforika Borwa, o tshwanetse go nna le diphemiti di le pedi. Phemiti e nngwe ke e e tswang kwa go Mokwadise wa Molao wa 36 wa 1947  mme e nngwe ke e e tswang kwa go Bokaedi . Kopo ya phemiti e e tswang kwa go Mokwadise wa Molao wa 36 wa 1947  e tshwanetse go tlisiwa ga mmogo le lekwalo la motlhagolatsela la thutopatlisiso le le nang le dintlha tsotlhe. Bokaedi  bo tla aba phemiti ya thekontle fa fela ba amogela khopi ya phemiti e e abilweng ke Mokwadise wa Molao wa 36 wa 1947 . Moento wa thekontle o o dirisetswang thutopatlisiso ga o kitla o rekisiwa.

Fa go le maemo a tshoganyetso mme bolwetse bo tlhasetse e bile go se na moento o o kwadisitsweng mo nageng, go ka tlhokagala go dirisa moento o o sa kwadisiwang. Ka jalo, wena jaaka morekantle wa isago, o tshwanetse go dira kopo kwa Khanseleng ya Taolo ya Melemo  gore o bone lekwalothebolo la Karolo 21 le le go letlang go dirisa moento o o sa kwadisiwang go ya ka Molao wa Taolo wa Melemo le Metswako e e nyalanang le yona  .

O tla tlhoka gape phemiti ya thekontle go tswa kwa go Bokaedi  gore moento o tsene mo nageng. Phemiti ya thekontle ya mothale o e ntshiwa fa fela o filwe tetla ke ba Khansele ya Taolo ya Melemo  mme e bile o ba naya bosupi. Mo lebakeng la mothale o, moento o o sa kwadisiwang o ka rekisiwa mo sebakeng se le sennye fela go fitlha setlhare se kwadisiwa.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Fa moento o sa kwadisiwa mme o dirisiwa jaaka thutopatlisiso, romela lekwalo le le tlhalosang mo pampiring e e nang le setlhogokwalo sa khamphane o le romele go Mokwadise wa Molao wa 36 wa 1947  o mo kope phemiti ya thekontle. Lekwalo la gago le tshwanetse go akaretsa dintlha tse di latelang:

bontsi
leina la kumo
motswako wa moento, go akaretsa dilwana tse di kopantsweng
naga e di tswang kwa go yona
modirakumo
nomoro ya Betšhe ya serekwantle
tsebe ya dintlha tsa setegeniki kgotsa letshwao  se se nang le nomoro ya ikwadiso ya setheo sa semolao ya naga e kumo e kwadisitsweng kwa go yona.
lefelo le kumo e fitlhelang mo go lona
gore kumo e tlhokagala neng
lebaka la gore se se dirwa jaaka thutopatlisiso ya go kwadisiwa ga melemo ya leruo.
maemo a ikwadiso ya kumo kwa dinageng dingwe 
motlhagolatsela wa thutopatlisiso o o nang le dintlha tsotlhe , go akaretsa le matlha a go solofelwang go ka simololwa ka ona tlhokomelo e e kgethegileng ya tlholelo ya dijo go tswa mo diphologolong tse di ntshang dijo  le maikarabelo malebana le tiriso ya melemo.

Fa o amogela phemiti ya thekontle go tswa go Mokwadise , kgotsa o fiwa thebolo go ya ka ditlhokego tsa Karolo 21 ya Molao 101 wa 1965, tlisa khopi ya teng ga mmogo le kopo ya phemiti ya thekontle ya diruiwa go Bokaedi  .
Fa e le gore moento o setse o kwadisitswe go ka dirisiwa mo Aforika Borwa go ya ka ditlhokego tsa Molao 36 wa 1947, o tlhoka fela phemiti ya thekontle e le nngwe go tswa go Bokaedi . Romela khopi ya ikwadiso go ya ka ditlhokego tsa Molao wa 36 wa 1947 ga mmogo le lekwalokopo la gago.

Godimo

Molao o dirisiwang



Animal Diseases Act, 1984  

Medicines and Related Substances Control Act   

Fertilizers, Farm Feeds, Agricultural Remedies and Stock Remedies Act, 1947  


Godimo

Boemo jwa tirelo

Tswee-tswee, dira kopo ya phemiti ya thekontle ya leruo bonnye dibeke di le thataro pele dithoto di rekwa. Fa ngaka ya leruo ya mmuso e rebotse kopo ya gago, go tla tsaya fela dibeke di le pedi go ya go di le tharo tsa tiro pele ofisi ya diphemiti e wetsa tiro ya o aba phemiti.

Godimo

Tlhotlhwa

R110

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Application for a permit to import vaccines into the Republic of South Africa IMP.VAC00 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


