﻿
Kopo ya go reka diphologolo le dikumo tsa diphologolo kwa ntle ga Aforika Borwa
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

O tlhoka phemiti ya thekontle ya leruo fa o batla go reka diphologolo kgotsa dikumo tsa diphologolo go di tlisa mo Repaboliking ya Aforika Borwa.

Go na le dithulaganyo tse di tlhomilweng malebana le thekiso ya diphologolo le dikumo tsa diphologolo. Jaaka melao ya pholo e fetoga nako le nako, tswee-tswee ikgolaganye le Bokaedi jwa Boitekanelo jwa diphologolo gore o itse ditlhokego tsa sešeng.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tlatsa foromo ya kopo. Ikgolaganye le Bokaedi jwa Boitekanelo jwa Diphologolo fa o sa itse gore o tshwanetse go tlatsa foromo efe.
Tsenya madi a tuelo ya phemiti mo akhaonteng ya banka ya Lefapha:
Leina la banka: Standard Bank of South Africa
Mong wa Akhaonto: National Department of Agriculture
Nomoro ya akhaonto: 011219556 International Band
Nomoro ya Lekala: 010845
IB Brand 0001982 Centre Code
Swift Code SBZA-ZAJJ
Leina la Lekala: Arcadia
Kitsiso ya botlhokwa: Reference must be the importer's name and surname
Tlhokomela: Moreka dikumo tsa kwa ntle ke ene a rweleng maikarabelo a go dituelo tsa banka ya fa gae le dituelo tsa banka ya kwa ntle Lefapha ga le kitsa le ntsha phemiti fa madi ka botlalo e leng ZAR100 a ise a duelwe.
Tšheke e tshwanetse go romelwa go Director-General: Department of Agriculture, e ka mametlelelwa mo foromong ya kopo mme e bo e romelwa mo atereseng e e mo godingwana.
Tuelo e ka nna ya dirwa kwa diofising tsa Lefapha la Temothuo le le tlhagisitsweng ka fa tlase ga Dintlha tsa Kgolagano.
Mo mabakeng a fa o direla mongwe kopo, netefatsa gore madi a tuelo a bitsa ka leina la gagwe kgotsa la khamphane ya gagwe.
Ga go na kopo e e tla tsweletswang kwa ntle ga bosupi jwa gore o duetse. Bosupi jwa tuelo bo ka feksetswa mo nomorong e: 012 329 8292 for attention: Ina Labuschagne.
Diforomo di romelwe go:
The Director: Animal Health
Import Export Policy Unit
Private Bag X138
Pretoria
0001
South Africa
or Fax to 012 329 8292
O tshwanetse go supa mo foromong ya gago ya kopo gore o tla itseela phemiti mo diofising kgotsa o batla e romelwe kwa go wena.
Mo mabakeng a e leng gore diphologolo di tshwanetse go faphelwa kwa thoko, moreki wa dikumo tsa kwa ntle o tshwanetse go ikgolaganya le Motlhankedi wa Khwaranthaene kwa boemelakepe:
Johannesburg Mogala: 011 973 2827 or Fekese 011 973 2828
Cape Town Mogala: 021 551 2050 or Fekese 021 551 1378
Seteišene sa khwaranthaene kwa Durban mo nakong ya gajaanong ga se dire, fela tshedimosetso e ka fitlhelwa kwa diofising mo mogaleng: 031 368 6011 or Fekese +031 337 7469
Motlhankedi wa Khwaranthaene o tla dira dipaakanyo tsa manno kwa seteišeneng sa Khwaranthaene a bo a tlatse karolo e e rileng ya foromo ya kopo. Mme morago e tla busediwa ka fekse kwa ofising ya diphemiti, mme phemiti e e maleba e tla abiwa.
Kgoeletso ya Tlhomamiso   di tshwanetse go tlaidiwa di mametlelelwe mo foromong ya kopo. Foromo e ya Kgoeletso ya Tlhomamiso e ka fitlhelwa gape kwa Ofising ya diphemiti.
Fa o sena go newa resiti ya foromo ya kopo, Phemiti ya Kalafi ya leruo le le rekwang kwa ntle ga naga ga mmogo le Setefikeiti sa Boitekanelo sa Kalafi ya leruro di tla abiwa mme tsa romelwa ka tlhamalalo kwa go wean.
Diforomo tse di tshwanetse di tladiwe ka, Seesemane, ke ngaka ya leruo e e filweng dithata ke Botsamaise jwa Kalafi ya leruo go tswa kwa nageng e e romelang dikumo kwa ntle, mo malatsing a le lesome di se na go romelwa.
Fa go na le tshedimosetso e e tlhokegang malebana le ditlhokego tse di rileng mo phologolong kgotsa mo kumonge e rileng ya phologolo, dikhopi tsa dikao tsa Diphemiti tsa go reka kwa ntle ga naga le Setifikeiti sa boitekanelo sa Kalafi ya leruo di ka fitlhelwa kwa ofising ya Diphemiti.
Dilo tse di latelang di tshwanetse go ntshiwa kwa Motlhankeding wa Taolo wa Leruo le le tswang kwa ntle ga Aforika Borwa kwa boemafofane kgotsa boemakepe:


Phemiti ya Tota ya Go reka leruo kwa ntle
Setefikeiti sa Tota sa Boitekanelo jwa Leruo
tokomane nngwe le nngwe e a tlhaolwa, sekao, Indemnity Declaration, Rabies Vaccination Certificate, jalo-jalo.

Fa o reka matlalo a a metse le a a omileng ga mmogo le diterofi, foromo ya kopo e tshwanetse go netefadiwa ke ngaka ya leruo ya mmuso mo lefelong le le reboletsweng tiro ya mothale o. Foromo ya kopo e tshwanetse go saeniwa gape ke ngaka ya leruo ya puso yo o maleba, mme fa a fetsa o tla e tempa a bo a e busetsa ka fekse kwa ofising ya diphemiti. Fa foromo e e sena go amogelwa, ke gona mo ofisi ya diphemiti e ka kgonang go aba phemiti ya go reka dithoto kwa ntle ga naga.
Fa go rekiwa diphologolo tse di phelang kwa ntle ga naga jaaka dikgomo, dinku, dipodi, dipere  o tshwanetse go bona phemiti ya tokafatso ya diphologolo  pele phemiti ya go reka leruo kwa ntle e abiwa.
Diphemiti tse pedi tse tsa mmatota di tshwanetse go neelwa kwa go motlhankedi wa semmuso kalafi ya leruo kwa boemakepe kgotsa boemafofane ga mmogo le Setefikeiti sa a Tota sa Botekanelo se abiwa ke naga e e ntshang dithekisontle.

Godimo

Molao o dirisiwang





Animal Disease Act, 1984  with amendments 
Animal Health Act, 2002 

Godimo




Boemo jwa tirelo

E tsaya malatsi a le mararo go ya go a le mane go wetsa thulaganyo phemiti fa ngaka ya leruo ya puso e setse e e rebotse.

Godimo

Tlhotlhwa

R110 fa e le direkwantle tse di tlwaegileng kgotsa R900 fa e le phemiti e kgolwane ya direkwantle.

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Application to import animals or animal products into the RSA   Foromo e e dirisiwa mo mefuteng e le mentsi ya diphologolo tse di tshelang)

Application to import animals or animal products into the RSA   Foromo e e dirisiwa mo mefuteng mengwe ya matlalo tse di tshwanetseng go isiwa kwa difaboriking tsa go suga matlalo, diterofi tse di tshwanetseng go ya kwa difaboriking tsa go bopa diterofi, le diruiwa tse di tshelang tse di tswang mo dinageng tse di mabapi ka mabaka a a rileng jaaka tse di tshwanetseng go tlhabiwa)

Application to import animals or animal products into the RSA  . Foromo e e dirisetswa mofuta mongwe le mongwe o o sa akarediwang mo diforomong tse dingwe kgotsa e lebisitswe mo diruiweng tse di tshelang tse di nteetsweng kwa ntle mo khwaranthineng ya poso ya ditswantle. Se se laolwa ke maemo a pholo ya diphologolo kwa dinageng tse dingwe. Kopo ya go reka diphologolo le dikumo tsa diphologolo kwa ntle ga Aforika Borwa tse di tshwanetseng go faphiwa) Foromo e e dirisiwa mo mefuteng e le mentsi ya diphologolo tse di tshelang)


Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


