﻿
Kopo ya kabo go ya ka Kabogape ya Lefatshe go tsweletsa lenane la Tlhabololo ya Temo 
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Kabogape ya lefatshe go tsweletsa lenane la temo e tlhamilwe go thusa baagi bao ba neng ba itlhokomologilwe go tswa merafeng ya Bantsho, Bammala le MaIntia go neelwa lefatshe kgotsa didiriswa tsa temo segolo setonna ka maikemisetso a go lema.

Go atlega, o tshwanetse wa:

nna mongwe wa setlhopha sa merafe e 
otshwanetse o be le dingwaga di le 18 kgotsa go feta
ikaelela go dirisa lefatshe mo mabakeng a temo fela
maikaelelo a go lema goya goile
se tshole maemo ape mo ditheong tsa puso
nna mo boemong jwa go nna le kabelo
ikaelela go tsaya karolo mo mananeng a katiso morago ga go bona lefatshe
lwa bo lo le setlhopha se se ipopileng fa lo dira
nna le akhaonto ya banka.

Basadi le bašwa ba tlhotlholetswa go dira dikopo. Botlhe ba e leng boradipolotiki mme e le bantlhankedi ba puso kgotsa badiredipuso ba ka se amogelwe.

Balemirui ba ba atlegileng ba ikaelela go katolosa tsamaiso tsa bona, ba ka dira dikopo tsa kabo tse dingwe, fela dikopo tsa mothale o di lebisitse motho a le mongwe, ga di a tshwanela go feta R100 000. Go feta fao thoto ya go simolola kgotsa katoloso ya porojeke ya kgwebo e tshwanetse go tswa kwa bankeng.

Kabo ya LRAD ga e tlhoke go duelwa jaaka mokitlana. Go didiriswa mokgwa o o rileng go bona gore motho o tla newa bokae. Go kgona go amogedisiwa kabo e ya R20 000, o tla tshwanelwa ke go ntsha bokana ka R5 000. Madi a o a ntshang, a go pateletse gore o be le madi ka yona nako eo,  - a tla nna a ditlamelo tsa temo, leruo le dithoto dingwe tsa temo. Le fa go neelwa diatla  mo porojekeng e, e tla kaiwa jaaka neelo fela.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Supa lefatshe le o batlang go le reka. Fa o na le lefatshe le o ka le dirisang la setšhaba.
Ikopanye le Lefapha la Merero ya Lefatshe kgotsa motlhankedi wa tsa temo yo o neetsweng boikarabelo go dira kopo ya kabo.
Romela tse di latelang le kopo:

leano la go supa tiriso ya lefatshe 
karolwana e e ka rekiwang ka tuelo e e dumalanweng, fa e adimiwa
neela ka maina a balosika kgotsa maloko a setlhopha, fa tshisinyo e le setlhopha
netefatsa setlhogo sa lefatshe sentle e nne lefatshe le le sa bakweng, le kwadisitswe ka moreki le tuelo e e rerwang e sa nne godimo go eo e tlhatlhositsweng ya tuelo
bopaki bo supa gore matlole a a setseng a teng 
pego e e tlhatlhobilweng.


Godimo

Molao o dirisiwang



Provision of Land Assistance Act, 1993  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Tsamaiso e tla tsaya bonnye jwa dikgwedi di le nne fela fa diporojeke tse di kopakopaneng di ka tsaya lobaka.

Godimo

Tlhotlhwa

Bokana ka R20 000 e tla dira gore go kopiwe kabo e nngwe  kgotsa ka batho a kana ka R5 000. o ka nna wa bona madi a a sa feteng R100 000, a tla kopiwa go tswa mo dikabong tsa madi a a kana ka R400 000. Magareng ga bonnye le bogolo jwa dipalo tse, go na le tekanyo ya dikabo tse di ikaegileng mo kabong ya batsayakarolo.

Godimo

Diforomo tse tladiwang

O tla fiwa foromo go tlatsa kwa dikantorong tsa porofense ya Lefapha la Merero ya Lefatshe kgotsa mo kantorong e e atolositsweng ya temo.

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


