﻿
Kopo ya boikwadiso ya setheo sa poraebete sa go tswetsa pele thuto le katiso
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Bathelesi botlhe ba dithulaganyo tsa FET ba ba nayang borutegi jo bo tletseng mo maemong a 2 - 4 a Letlhomeso la Borutegi la Bosetšhaba   ba tshwanetse go ikwadisa jaaka ditheo tsa poraebete tsa Thuto le Katiso e e Tsweletseng . Bakopi le bona ba tshwanetse go ikwadisa go ya ka Molao wa Ditlamo wa 1973.

Ditheo tse di nayang dirutwa tsa nakwana, , dithulaganyo tse e seng tsa NQF kgotsa dikarolo sa borutegi, tsona ga di amege mo boikwadisong go ya ka Molao wa FET wa 1998.

Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, ikgolaganye le ba Lefapha la Thuto.

Top

Dikgato tse di latelwang

Tsenya mo websaeteng ya khomphutare diforomo go tswa go Lefapha la Thuto go: http://www.education.gov.za
Gorosa/tlisa diforomo tse kwa go Lefapha la Thuto la Bosetšhaba .
O akaretse le tuelo e e sa busetsweng ya kopo  ya go lekana R500 le kopo. Tuelo e, e ka duelwa tšheke e e netefaditsweng  kgotsa ka posootara .

Top

Molao o dirisiwang

Private Further Education and Training Act of 1998  – 

Regulations for the Registration of Private Further Education and Training Institutions, 3003 published in Government Gazette, 25642 of 31 October 2003. (te 3003 e e phasaladitsweng mo kaseteng ya Mmuso 25642 ya 31 Diphalane 2003


Top

Boemo jwa tirelo

Boikwadiso bo ka tsaya dikgwedi di le11 go fetswa.

Top

Tlhotlhwa

R500

Top

Diforomo tse tladiwang

Diforomo tsa boikwadiso jaaka ditheo tsa Poraebete tsa Thuto e e Tsweletseng le Katiso Foromo ke FRA-01A and FRA-011A

Top

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


