﻿

Kopo ya laesense ya sediriswa sa seeng sa go thaya ditlhapi

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Sediriswa sa seeng sa go thaya ditlhapi ke sa motho yo e seng moagi wa Aforika Borwa, k.g.r. motswantle mme se kwadisitswe ka fa tlase ga Naga ya Folaga e nngwe e e seng Rephaboliki ya Aforika Borwa. Ke fela ka fa tlase ga maemo a a kgethegileng mo sediriswa se se ka hiriwang kgotsa sa dirisiwa ka fa tlase ga konteraka ke Motshola-Tshwanelo wa Aforika Borwa go nna le seabe mo ditiragalong tsa go thaya ditlhapi mo teng ga Lefelo le le Kgethegileng la Ikonomi   kgotsa mo metsing a boditšhaba ka fa tlase ga folaga ya RSA.

Ga go sediriswa sa seeng se se tla newang laesense ya go thaya ditlhapi ya Aforika ntle fela le ka fa tlase ga kopanelo le Motshola-Tswanelo wa Aforika Borwa. Pele o ka nna le seabe mo ditiragalong tsa go thaya ditlhapi, o ka ikgolaganya le Lefapha la Merero Tikologo le Bojanala go sekaseka gore a go hiriwa ga sediriswa sa seeng go ka letlwa mo lekaleng le le rileng la go thaya ditlhapi le gore ke ditlankana dife tse di tlhokegang gore kopo e e ntseng jalo e atlege.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Fa go bonala go na le tshegetso ya tiriso ya sediriswa sa seeng modirakopo o tshwanetse go bona foromo ya kopo ya laesense ya sedirisa sa seeng kwa kantorong e e gaufi ya Lefapha la Merero Tikologo le Bojanala.

Tlatsa foromo eo mme o e romele kwa kantorong e e gaufi nao ya Department of Environmental Affairs and Tourism DEAT mmogo le tshedimosetso e e latelang:


leina la sediriswa sa go thaya ditlhapi

leina le dintlha ka botlalo tsa mong wa sediriswa 

maatla a enjene ya sediriswa se

boleele ga mmogo le mothamo wa sediriswa

nomoro kwadiso ya sediriswa

leina la Naga ya Folaga e sediriswa se kwadisitsweng ka fa tlase ga yona 

setifikeiti sa pabalesego se se diragang go tswa go Naga ya Folaga.


Sediriswa se tla sekasekelwa tshiamelo ya lewatle ke Bothati jwa Pabalesego ya Mawatle jwa Aforika Borwa   ka ditshenyegelo tsa mong.

Didiriswa tsotlhe tsa seeng di tshwanetse go nna le INMARSAT C VMS tse di dirang tse di ikarabelang go Botsamaisi jwa Mawatle le Mabopo . Karolo ya Ditiro ya Botsamaisi jwa Mawatle le Mabopo e tshwanetse go netefatsa se.

Mo kopong ya gago, supa lekala la go thaya ditlhapi le sediriswa se se tla bewang mo go lona le paka ya go bewa ga sona.

Lekwalo la semmuso go tswa kwa Bothating jwa go Thaya Ditlhapi ga Naga ya Folaga  le tla tlhokega, le tlhalosa gore:


sediriswa se dumeletswe go thaya ditlhapi mo metsing a Aforika Borwa

sediriswa ga se ise se nne le seabe mo tiragalong ya go thaya ditlhapi e e seng mo molaong, e sa Lekanyediwa e bile e sa Begwa 

bothati jwa go Thaya Ditlhapi jwa Aforika Borwa bo ka se tseye maikarabelo a go tlhokomela sediriswa

bothati jwa go Thaya Ditlhapi jwa Aforika Borwa bo tla tsaya maikarabelo a go bega go tshwara go Mekgatlo ya Botsamaisi jwa go Thaya Ditlhapi jwa Didika   fa go tlhokega

go ya ka RFMOs dipalopalo tsotlhe tsa ditlhapi tse di tshwerweng, e ka tswa e le mo teng ga EEZ ya Aforika Borwa kgotsa mo Mawatleng a a kwa Godimo, e tla nna ga Aforika Borwa mo pakeng yotlhe ya tumalano ya khiro

sediriswa sa seeng se tla thaya ditlhapi ka fa tlase ga melawana le dipeelo tsa tetla ya Aforika Borwa.


Fa sediriswa se e se sediriswa se se tlhophilweng go ya ka tiragalo ya go rebola ditshwanelo, modirakopo o tshwanetse go tlatsa foromo ya kopo ya phetisetso ya sediriswa. Gore sediriswa se dumelelwe go thaya ditlhapi, modirakopo o tshwanetse go tlatsa foromo ya kopo ya tetla ya go tshwara go ya ka lekala se sediriswa se yang go thaya ditlhapi mo go lona.

Sa bofelo, fa modirakopo a bonela pele gore sediriswa se tla thaya ditlhapi le mo Mawatleng a a kwa Godimo ka paka ya khiro, gone o tshwanetse go tlatsa le foromo ya kopo ya Mawatle a a kwa Godimo.


Godimo

Molao o dirisiwang



The Marine Living Resources Act, 1998  (Molao wa Didiriswa tse di Tshelang mo Mawatleng

The National Environmental Management Act, 1998  

The National Biodiversity Act, 2004  

The National Marine Protected Areas Act, 2003  

The Sea Birds and Seals Protection Act, 1973  – 

The Sea Fishery Act, 1988  – 

The Sea Fishery Act, 1988  – The Sea-shore Act, 1935  – 

The International Convention for the Prevention of Pollution from Ships Act, 1986  – 


Godimo

Boemo jwa tirelo

Kopo ya go dirisa sediriswa sa seeng  e ka tsaya matsatsi a le 14 go lebilwe tiragatso e e maleba ya kopo.

Godimo

Tlhotlhwa

R21 200- ya laesense ya sediriswa sa seeng

R1 695 – ya laesense ya mawatle a a kwa godimo

R790 – ya tetla ya go tshwara

Ga jaana dikopo tsa phetisetso ya didiriswa ke mahala


Godimo

Diforomo tse tladiwang

The foreign vessel licence 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


