
Kwadiso ya Mekgatlho ya Tshireletso ya Molele
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Mekgatlho yotlhe ya Tshireletso ya Molelo e tshwanetse go ikwadisa le Lefapha la Merero ya Metsi le Dikgwa .

Badirakopo botlhe ba ba eletsang go ikwadisa ba ka kopiwa go kgotsofatsa maemo a a rileng e ka nna pele kgotsa morago ga go ikwadisa. Seno se akaretsa gape maemo a a kailweng mo tlhabololong ya molaotlhomong wa Mekgatlho.

Go ka kwadisiwa Mokgatlho wa Tshireletso ya Molelo o le mongwe fela mo tulong e e rileng.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Bona Foromo ya 1: Kopo ya go ikwadisetsa mokgatlho wa tshireletso ya molelo go tswa go Lefapha la Merero ya Metsi le Dikgwa  
Tlatsa foromo mme o e ise kwa kantorong e e fa gaufi ya DWAF.
Kopo ya gago e tla sekasekwa mme fa e ka rebolwa, lefapha le tla go itsise gore o tlatse Foromo ya bobedi: Kopo ya kwadiso ya mokgatlho wa tshireletso ya molelo.
Tlatsa mme o ise Foromo ya bobedi kwa kantorong e e fa gaufi le wena ya Lefapha la Merero ya Metsi le Dikgwa.
Kopo ya gago e tla sekasekiwa gape, mme fa e rebotswe, lefapha le tla go neela setifikeiti sa go ikwadisa.
Kopo ya gago ya go ikwadisa e tshwanetse go nna le dilo tse di latelang:

dintlha ka motlhatlhobiwa wa mokgatlho wa tshireletso ya molelo
dintlha tsa motho yo o tshisinyang kwadiso ya motlhatlhobiwa wa mokgatlho wa tshireletso ya molelo
tlhomamiso ya gore ga go mong yo o tlogetsweng ka mabomo mo dikopanong le dipuisanong mabapi le go tlhomiwa ga mokgatlho wa tshirelesto ya molelo
dintlha ka ga bolaodi jwa motlhatlhobiwa jwa kgaolo ya mokgatlho wa tshireletso ya molelo
tlhomamiso ya gore ga go na mokgatlho o mongwe wa tshireletso ya molelo o go ikaelelwang go tlhomiwa kgotsa o o leng teng gaufi le kgaolo ya motlhatlhobiwa wa mokgatlho wa tshireletso ya molelo
tlhomamiso ka motho yo o tshisintseng tlhomo ya mokgatlho wa tshireletso ya molelo
katlanegiso ka moemedi yo o maleba wa puso ya selegae
katlanegiso ka moemedi wa kgaolo wa lefapha la merero ya metsi le dikgwa
tlhomamiso ka motsamaisimogolo wa kgaolo wa Lefapha la Merero ya Metsi le Dikgwa.


Godimo

Molao o dirisiwang



National Veld and Forest Fires Act, 1998  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Ga e a tshwanela go tsaya malatsi a le 30 a go dira go sekaseka kopo ya gago le go kwadisa mokgatlho fa tshedimosetso yotlhe e batlegang e neetswe.

Godimo

Tlhotlhwa

Tirelo e ga e duelelwe.

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Form 1: Application for registration of a fire protection association 
Form 2: Application for the registration of a fire protection association 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


