﻿

Kopo ya go ntshwafatsa laesense ya go nna le sethunya

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Molao wa Taolo ya Dithunya, 2000, o ikaelela go netefatsa gore motho o na le bokgoni jwa go ka nna le sethunya.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

O tshwanetse go feleletsa teko e o e tlhaoletsweng go netefatsa kitso ya gago ya Molao mo setheong sa katiso sa mothelesi se se neelang ka makwalotshupo. Fa o amogela setifikeite sa katiso go tswa mo go mothelesing wa katiso kgotsa mo go SASSETA  , o tshwanetse go dira kopo kwa Tirelong ya Sepodisi mo Aforika Borwa  gore o bone setifikeite sa bokgoni.
O ka nna wa re ka yona nako eo wa kopa gore o ntšhwafatse makwalotetla/dilaesense tsa gago tse di farologaneng tsa dithunya tse o nang le tsona. Dinako tsa ntšhwafatso tse di latelang, go ya ka letlha la matsalo, di ka dirisiwa.

