

Kopo ya katoloso le go fetola tumelelo ya tiro ya motho yo o thapilweng

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Tirelo e ke ya batshodi ba tumelelo ba ba ikaelelang go atolosa le go fetola ditumelelo tsa bona tsa tiro. Kopo e e atolositsweng kgotsa e e fetotsweng e tshwanetse go dirwa mo dibekeng tse robedi pele ga letlha le le beilweng la go dirisiwa ga tumelelo le feta. Tumelelo e e fetileng ke letlha la go dirisiwa e ka se okeletswe letlha la go diriswa.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

tlatsa diforomokopo BI-159: G go kantorong ya Merero ya Selegae efe kapa efe. Dira kopo go botseta ba Aforika Borwa kgotsa mmishene fa o le kwa moseja wa mawatle
bathapi ba tshwanetse go tlatsa dikarolwana 6 le 6.1. tsa foromokopo
bathapi ba tshwanetse go saena tlhomamiso le setempe sa setlamo se se momagantsweng
fa setempe se se teng, tlhongo e tshwanetse go netefadiwa mo lekwalong le sele ka lekwalo le neang le mainatlhogo a setlamo
romela setefikeiti sa kgololo sa sepodisi (fa se ne se sa romelwa fa go ne go dirwa kopo ya ntlha.
romela khopi ya semmuso ya konteraka ya khiro
romela, fa go tlhokega, bosupi ba ikwadiso le mokgatlo wa seporofeshenale o matshwanedi
romela pontsho ya badiradikopo ya e e supang maano a kamoso modiradikopo
romela dipapatso tsa phatlhatiro, fa paka ya tiro ya konteraka ya pele e atoloswa
romela pego ya tswelopele e e netefatsang gore a baagi/baagi ba leruri ba Aforika Borwa ba ne ba katisiwa kgotsa ba katisitswe.

Godimo

Molao o dirisiwang



Immigration Act, 2002 , as amended 

Godimo

Boemo jwa tirelo

Dikopo di ka tsaya malatsi a le 30.

Godimo

Tlhotlhwa

R1 520

Godimo

Diforomo tse tladiwang

Application for an extension of the validity  of an existing permit, BI-159 

Ela tlhoko: Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. Ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


