﻿

Dira kopo ya tiro mo Tirelong ya Setšhaba

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Diphatlatiro mo mafapheng a besetšhaba le a diporofense di tlatswa ka go thapa badiri ba ba dirang mo pusong kgotsa ka go laletsa dikopotiro go tswa mo go ba ba sa thapiwang mo Tirelong ya Setšhaba. Diphatlatiro tse di mo maemong a a kwa godimo, ke gore, tirelo ya bolaodi jo bo kwa godimo, di tshwanetse go phasaladiwa bosetšhaba fa go tshwanetse go thapiwa batho go tswa ka fa teng kgotsa kwa ntle ga Tirelo ya Setšhaba.

Go ya ka melawana, diphatlatiro di phasaladiwa mo Sekhulareng ya Diphatlatiro ya Tirelo ya Setšhaba  e e kokoanngwang le go tlhagisiwa beke le beke ke Lefapha la Tirelo ya Setšhaba le Tsamaiso . Fa taletso ya go thapa e ka fetisediwa kwa bathong ba ba sa thapiwang ke Tirelo ya Setšhaba, lefapha la bosetšhaba kgotsa la porofense le tla phasalatsa diphatlatiro tse di jalo mo bobekgannyeng jo bo gatisitsweng .

Sekhulara ya Diphatlatiro ya Tirelo ya Setšhaba , e itsise badiri ba setšhaba ka ga diphatlatiro tse di ka fa teng ga Tirelo ya Setšhaba. Batho ba e seng badiri ba Tirelo ya Setšhaba, fela ba na le kgatlhego mo ditirong tse di phasaladitsweng, ba tshwanetse pele go batlisisa kwa lefapheng le le phasaladitseng gore a ba ka dira kopo. Dintlha tsa kgolagano tsa mafapha a a phasaladitseng a neetswe mo Sekhulareng.

Mafapha a mangwe jaaka Sesole sa Tshireletso, a ka go kopa go dira diteko tsa kalafi pele kopo ya gago e ka tswewa tsia.

Go bona tshedisetso go ya pele ka ga Lefapha la Tirelo ya Setšhaba le Tsamaiso .

Top

Dikgato tse di latelwang

Pagolola  le go tlatsa Foromo ya Z83, Application for Employment go tswa mo go website ya DPSA. Gape o ka bona foromo e go tswa kwa lefapheng lefe kana lefe la bosetšhaba kgotsa la porofense.

Mametlelela curriculum vitae  ya gago le dikhopi tse di tempilweng semmuso  tsa borutegi jwa gago.

Romela foromo go lefapha le phatlatiro e leng kwa go lona.

Go tswa mo goreng lefapha le le maleba le latela kgato efe, o ka nna amogela lekwalo le le pakang gore kopo ya gago e gorogile.


Top

Molao o dirisiwang

Labour Relations Act, 1995  
Employment Equity Act, 1998 
Public Service Act, 1994 
Defence Act, 1995  
South African Police Act, 1997  
Employment of Educators Act, 1998  
Correctional Services Act, 1998 

Top

Boemo jwa tirelo

Kgato ya go thapa le go tlhopha  e farologana go ya ka mafapha, e bile e ka konosediwa mo nakong e khutshwane go gaisa

Top

Tlhotlhwa

Foromo ya go dira kopo ke mahala

Top

Diforomo tse tladiwang

Application for Employment in the Public Service )Kopo ya Tiro mo Tirelong ya Bosetšhaba 

Top

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


