﻿

Kopo ya kgolagano le SARS ka tsela ya eleketheroniki

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Tirelo e, e letlelela motho ka nosi, setheo kgotsa mokgatlho go tlhoma kgolagano ka tsela ya eleketheroniki le ba Madirelo a Makgetho a Aforika Borwa  ka tsela ya thelesetso e e tlhophilweng. Tsamaiso e Ntšhwa ya Lekgetho la Lotseno, e dirilwe ka tsela e e leng gore e tla fedisa go dirisiwa ga pampiri fa go kgonagalang teng, le go dirisa tsela ya go dira ka metšhene mo go neng go dirisiwa batho ka matsogo a bona mme ka nako e le nngwe go netefatswa gore baduelalekgetho botlhe ba tshwarwa ka go lekana. Go setswe go tlhomilwe ditsela tse di farologaneng tsa go ikgolaganya ka eleketheroniki.

Kaedi e e bidiwang  e setse e le teng mo Onlaeneng ya SARS mme maikaelelo a yona ke go araba dingongorego tse dintsi.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Ikwadise jaaka modirisanyimmogo wa tsela ya go ikgolaganya ka eleketheroniki ka go tlatsa le go isa foromo ya go ikwadisa ya kgolagano ka tsela ya eleketeroniki nomoro ya INF001 kwa go: SARS Interface Administration, P.O. Box 402, Pretoria 0001 kgotsa ka tsela ya emaile go its.interfaces@sars.gov.za. Kopo ya katoloso ya go tsenya dipoelo tsa lekgetho la lotseno e ka dirwa ka eleketheroniki kwa ntle ga go ikwadisa.
Rekhota dintlha tse di latelang tse o di neetsweng ke SARS morago ga go ikwadisa:

nomoro ya phetiso ya sephiri go go kgontsha go fitlhelela neteweke ya SARS.
khoutu ya tsamaiso e e go tlhaolang e e neetsweng setheo sa gago ke SARS.
khoutu ya modirisi e e go tlhaolang le nomoro ya phetiso ya sephiri e e go isang kwa sefareng ya difaele tsa SARS e go isiwang faele ya dinewa  teng.
aterese ya Neteweke kgotsa dinomoro tse di letsiwang, mo ntlheng ya Mogala o o Tshumiwang wa Neteweke ya Botlhe   le kgolaganyo ya Ditirelo tse di Kopaneng tsa Neteweke ya Dijitale .

Amogela sofotewere/didiriswa e e tshwailweng le tsela ya go tsenya tirelo e kwa go SARS. Ka gale SARS e tla go tlisa sofetewere e kwa setheong sa gago. Install the data encryption software.
Tlisa difaele tsa dinewa tse di dirisiwang mo ditekong go go kgontsha go ntsha kgotsa go fitlhelela dikarabo tsa difaele tsa diteko go tswa go SARS.
Tiisetsa le Motsamaisi wa tsela ya go ikgolaganya ka tsela ya eleketeroniki wa SARS, fa o amogetse difaele tsa dinewa  tsa diteko mme o tsenye tirisong tsela ya go ikgolaganya ka tsela ya eleketeronikika go amanya difaele tsa mmatota/tse di tshelang tsa dinewa .

Godimo

Molao o dirisiwang

Income Tax Act, 1962  

Godimo

Boemo jwa tirelo

SARS tsentse mo tirisong boemo jwa tirelo jo bo tla simololang mo dinyageng di le pedi . Fa o ikwadisa kgotsa o duela, SARS e ikaelela go tsamaisa ikwadiso ya gago ka nepagalo mo malatsing a le lesome a go dira.

Godimo

Tlhotlhwa

Tirelo e ga e duelelwe.

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Application for SARS Electronic Interface, INF001 (Kopo ya tsela ya go ikgolaganya ka tsela ya eleketeroniki le SARS, Inf001
Request for Additional SARS Electronic Interface, Inf002 
Change of Particulars for SARS Electronic Interface, Inf003 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


