

Kopo ya go kwalolola Kgwebo e e kopetsweng



Tlhaloso

Fa kgwebo e e kopetsweng  e sa tlhole e tsweletsa kgwebo e e atlegileng, e ka nne ya kopa Mokwadise wa Dikhamphane gore a e kwalolole mo databeiseng. Ka tsela e, maloko a Kgwebo ba tshwanetse go itsise Mokwadise wa Dikhamphane ka maikaelelo a bona.

CC e ka palelwa ke go tsweletsa kgwebo ya yona mme e eletse go ka ikwalolola, kgotsa e ka tlhatlhamololwa. Boemo bo bo ka nna matswakabele le marara, mme Mokwadise wa Dikhamphane o tshwanetse go newa tshedimosetso e e kgethegileng.

Go tlhatlhamololwa ga CC go raya gore

ga e sa kgona go duela melato ya yona;
e palela ke go tsweletsa kgwebo ; kgotsa
maloko a batla go aba diasete tsa CC magareng ga bona.

CC e ka nna ya tlhatlhamololwa ka lebaka la dithulaganyo tsa kgotlatshekelo  kgotsa tlhatlhamololo e ka nna boitlhophelo  Fa maloko a CC ba dira kopo ya gore CC e tlhatlhamololwe, tshireletso  e a tlhokega go tswa go Mokwadise wa Dikhamphane..

Ikwalololo ya khamphane e raya gore CC e phimolwa mo databeiseng mme CC ga e sa tlhole e nna teng. Kgwebo e ka tswela pele ka tsela e nngwe, jaaka kgwebo ya mong (sole proprietor, fa ikwalololo e fetsa go konosediwa.

Kanego e e kwadilweng e e tlhagisiwang ke mongwe le mongwe  e ka romelwa go Mokwadise wa Dikhamphane.

Fa o batla tshedimosetso e nngwe o ka ya go Companies and Intellectual Property Registration Office.

Dikgato tse di latelwang

Sitlholola foromo ya kopo, CK6.
Romela dikhopi tse di kanisitsweng tsa makwaloitshupo a maloko a CC.
Fa e le gore CC e tlhatlhamololwa ka boitlhophelo, dikhopi di le pedi tsa diforomo tsa CK6 di tshwanetse go romelwa.

Molao o dirisiwang

Close Corporations Act, 1984 , Section 67  Karolo ya 67)

Boemo jwa tirelo

Tirelo e ka tsaya letsatsi kgotsa a le mabedi go konosediwa

Tlhotlhwa

R40
Diforomo tse di tladiwang
Letter to de-register the CC.Lekwalo la go kwalolola CC
Resolution for voluntary liquidation, CK 6 Tharabololo ya tlhatlhamololo ya boitlhophelo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala



