﻿

Kopo ya go dira kitsiso ya loso

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Setefikeiti sa loso ke tokomane ya semmuso e e abelwang balosika la moswi fa ba mo kwadisa jaaka moswi. Fa motswantle a tlhokofalela mo Aforika borwa, rekoto ya gagwe e a faeliwa mme setefikeiti sa loso se abelwa balosika lwa gagwe. Dikopo di ka dirwa kwa ofising nngwe le nngwe ya Lefapha la Merero ya Selegae kgotsa kwa embasing ya Aforika borwa kgotsa ntlo ya borongwa fa o dira kopo o le kwa nageng esele.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tlatsa foromo ya kopo BI-132.
Kwala lekwalo le le nang le dintlha tsotlhe ka ga moswi mme o le romele kwa ofising ya Merero ya Selegae mo tikologong ya gago.
Ga go na phitlho e e tla dirwang kwa ntle ga taelo ya phitlho. Taelo ya phitlho ke setefikeiti se se nayang motho tumelelo ya phitlho le go tsaya setopo kwa lefelong le moswi a swetseng kwa go lona go ya kwa lefelong le phitlho e yang go tshwarelwa kwa go lona. Taelo ya phitlho e ka ntshiwa ke:

modiri yo o kanisitsweng wa Merero ya Selegae
maloko a Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa
batsamaisa diphitlho ba ba filweng dithata tsa go aba ditaelo tsa phitlho.


Godimo

Molao o dirisiwang

Births and Deaths Registration Act, 1992)  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Setefikeiti se se khutswafaditsweng : Se ntshiwa morago ga kwadiso ya loso.

Setefikeiti se se feletseng : Se ka tsaya dibeke di le 8 go ya go di le 12.


Godimo

Tlhotlhwa

Setefikeiti se se khutswafaditsweng: R11
Setefikeiti se se feletseng: R50

Godimo

Diforomo tse tladiwang

Kopo ya setefikeite sa loso, BI-132
Burial order, BI-14 


Ela tlhoko: Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


