
Kopo ya go fetola khamphane go nna kgwebo e e kopetsweng



Tlhaloso

Tsamaiso le taolo ya ditlhokego tsa kgwebo e e kopetsweng  ga di matswakabele jaaka tsa khamphane. Ka moo, bakhuduthamaga ba khamphane ba ka swetsa go fetola khamphane e e kwadisitsweng go nna CC.

Fa e le gore fa khamphane e fetolwa go nna CC le leina la yona le tlile go fetolwa, Khopi ya foromo ya CK7 e tshwanetse go isiwa ga mmogo le lekwalokopo la go fetola khamphane.

Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, ikgolaganye le Companies and Intellectual Property Registration Office 

Dikgato tse di latelwang

Sitlholola foromo ya kopo, CK7 go dira peeletso ya leina la CC fa e le gore leina le tlile go fetoga.
Sitlholola foromo ya kopo, CK4  ga mmogo le CK1.
Romela lekwalo le le supang ramatlotlo o montshwa
Romela lekwalo go tswa go moruni wa khamphane go ya ka molawana wa Karolo 27  wa Molao wa Kgwebo e e kopetsweng Close Corporation Act, 1984. Lekwalo le tshwanetse go supa gore moruni o montshwa ke mang.
Romela dikhopi tsa makwaloitshupo a maloko otlhe a CC.

Molao o dirisiwang

Close Corporations Act, 1984 , Section 27 

Boemo jwa tirelo

Kopo e ka tsaya malatsi a le mane go ya go a le matlhano go konosediwa.

Tlhotlhwa

R100

Diforomo tse di tladiwang


Diforomo di tla rebolwa ka mokgwa wa PDF. Go bula ditlankana tsa PDF, o tlhoka go nna le Adobe Acrobat Reader 4 kgotsa e e kwa godimo mo khompiuteng ya gago

Application for conversion of close corporation, CK4 Kopo ya go fetola Kgwebo e e kopetsweng

Founding Statement, CK1 Kopo ya go kwadisa Kgwebo e e kopetsweng

Application for reservation of name or translated form or shortened form of a name of a company, CK7 


Lefelo la bodirelo, diaterese le megala



