﻿
Kopo ya go kwadisa setlamo se se nang le kapitale e e abelanwang


Tlhaloso

Ka goone go kwadisa setlamo sa kapitale e e abelanwang go le thata, go tshisinngwa gore bakopi ba dirise ditirelo tsa mmueledi.

Memorantamo le Diathikele tsa setlamo di tshwanetse go kokoanngwa mme tsa nna maleba go tshwanela setlamo gape di tshwanetse go kannwa ke raditlamano wa botlhe, yo e leng ramolao wa seporofešene. Setlamo sa botlhe se ka nna sa itseela Tafole ya A mo foromokopong ka botlalo kgotsa ba ka nna ba dira gore e tshwanele fela setlamo sa bona fa fela e obamela Molao wa Ditlamo wa 1973 . Setlamo sa poraebete se ka nna sa itseela Tafole ya B mo foromokopong ka botlalo kgotsa ba ka nna ba dira gore e tshwanelo setlamo sa bona fela, fa fela e obamela Molao wa Ditlamo wa 1973 .

Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape e ya go Companies and Intellectual Property Registration Office.

Dikgato tse di latelwang

Ikgolaganye le Companies and Intellectual Property Registration Office.
Tlatsa diforomo tse di latelang:

Dira Kopo ya go beeletsa leina ka go tsenya CM5 –Kopo ya go beeletsa leina . Foromo e e bonwa kwa go Lefapha la Kgwebo le Intaseteri
Tlatsa CM29 – Diteng tsa go kwadisa tse di nang le dintlha ka bakaedi le batlhakendi.Contents of register that contains the particulars of directors and officers. Foromo e e bonwa kwa go Lefapha la Kgwebo le Intaseteri
Mokaedi mongwe le mongwe wa setlamo o tshwanetse go tlatsa foromo ya CM47 . Foromo e e bonwa kwa go Lefapha la Kgwebo le Intaseteri
Tlatsa foromo ya CM31, foromo e e neelang motho tumelelo ya go dira jaaka moruni. Foromo e e bonwa kwa go Lefapha la Kgwebo le Intaseteri
Tlatsa foromo ya CM44 – Athikele ya botsalano jwa setlamo se se nang le kapitale e abelanwang mme se itseela thulaganyo ya 1, kgotsa foromo ya CM44A - Athikele ya botsalano jwa setlamo se se nang le kapitale e abelanwang mme se sa itseela thulaganyo ya 1. Bakedi botlhe ba tshwanetse go tlatsa foromo ya CM44C – Baseni ba Diathikele .

Neela mmueledi maatla a mmueledi semmuso, mo o tlhalosang gore o mo neela taolo ya go dira logatong la gago.
Setlamo se se kwadisanga ka kapitale,  se tshwanetse gape sa neela ditokomane tse di latelang:

CM1:Setifikeiti sa kopanyo sa.
E ke tokomane e e saenwang e be e tempiwe ke Mokwadisi wa Ditlamo fa ditokomane tsotlhe tse di tlhokegang  di sena go sekasekiwa le go konosetswa.
CM2: Memorantamo wa botslano le - CM2A - CM2B - CM2C fa batsholadišere ba feta 1 kgotsa 2D fa motsholadišere a le mongwe..


Molao e latelwang

Companies Act, 1973 

Business Names Act, 1960 

Share Blocks Control Act, 1980  

Boemo jwa tirelo

Go ka tsaya go fitlha malatsi a le matlhano go kwadisa setlamo sa kapitale e e abelanwang.

Tlhotlhwa

Tefo ya R350 le R5 go ya ka kapitale e le nngwe ya 1000 e e mo molaong fa go na le boleng jwa šere ka nngwe, kgotsa R5 kapitale e le nngwe ya 1000 fa go se na boleng jwa šere.

Diforomo tse di tladiwang

Certificate of incorporation CM1 Setifikeitisa kopanyo
Memorandum of associatio CM2 Memorantamo wa botsalano
Notice of registered office and postal address of compan CM22 Kitsiso ya kantoro e e kwadisitsweng le aterese ya poso ya setlamo
Contents of register of directors, auditors and officers CM29 Diteng tsa rejisetara ya bakaedi, baruni le batlhankedi
Notice of consent to appointment, change of name by auditor or removal of auditor CM31 Kitsiso ya tumelelo ya go tlhoma, go fetola leina ka moruni kgotsa go tlosa moruni
Articles of association of a company having a share capital adopting schedule CM44A 
Signatories to article of association CM44C 
Certificate to commence business CM46 
Statement by directors regarding adequacy of capital of compan CM47 
Application for reservation of name CM5 

Lefelo, bodirelo, diaterese le megala



