﻿

Kopo ya Laesense ya Tirelo ya Kgwebo le Kgaso

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Laesense ya Kgwebo ya Phaposikgaso e neelwa go tirelo ya kgaso e diragatsang go bona letseno kgotsa e le karolo ya go bona letseno. Lekgotla la Kgaso la Aforika Borwa  ke lona fela le neelwang laesense ya go kgaso ya bosetšhaba mo Aforika Borwa.

Motho mongwe le mongwe yo o ikaelelang go neelana ka tirelo ya kgaso o tshwanetse go nna le Laesense ya Kgwebo ya Modumo ya Kgaso.
Motho mongwe le mongwe yo o ikaelelang go neelana ka tirelo ya kgaso o tshwanetse go ikamanya le mametlelo jaaka e tlhalosiwa ke Taletso ya go dira kopo  go bona Laesense ya Kgwebo ya Kgaso e e phatlalatsang ka semolao mo kaseteng ya mmuso. Dimametlelelo ka tlwaelo di bopilwe ke karolo tse thataro, e leng:

Maemo le melawana ka kakaretso : tsamaiso e tla latelwang
Boemo ba Kgwebo: Boemo ba Semolao ba modirakopo
Go baya ka mananeo: Diteng tsa selegae sa tekatekano; Puo; Mananeo a kgasiwang
Ditlhokego le Dibatlwa tsa tirelo e e tshisinyiwang
Matlotlo
Ditlhokego tsa botegeniki.


Foromokopo le mafelo a ago tikologo a a sisintsweng a bopa karolo ya Kasete ya MMuso e rebotsweng la ntlha fa taletso e e rileng ya kopo e dirwa.



Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tlatsa foromokopo ka mokwalo wa tlhakakgolo.
Romela ditlankana tsa nnete le dikhopi di le 16 tsa foromokopo le tuelokopo e e sa busiweng go Lekgotla la Ditlhaeletsano le le ikemetseng la Aforika Borwa .
Dikopo tse di sa felelang di tla busediwa kwa go modirakopo mme ga go maikarabelo a ape tla a go gakanega a tla amogelwang.

Godimo

Molao o dirisiwang



Electronic Communications Act, 2005  
Broadcasting Act, 1999 


Godimo

Boemo jwa tirelo

Go tla tsaya dikgwedi di le thataro goya go di lesome le bobedi.

Godimo

Tlhotlhwa

Tuelo e e sa busiweng ya R30 000.
Tuelo ya laesense ya R2 500 e tla neelwa.

Godimo

Diforomo tse tladiwang

Foromokopo e tla nna karolo ya Mmametlelelo ya Kasete ya Mmuso.

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


