﻿
Kopo ya go kwadisa kgwebo e e kopetsweng 
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Kgwebo e e kopetsweng  ke mofuta wa kgwebo o beng ba yona e ka nnang maloko a le 1 go fitlha go 10. Dišere tsa CC ga di ke di rekisetswa batho  Le fa e le gore go a tlhokagala gore CC e nne le ramatlotlo, CC ga e tlhoke go ka dira manane a ditšhelete a a sekasekilweng ke moruni.

Le fa Molao wa Dikhamphane  o pateletsa dikhamphane go tshwara dikopano, segolo-thata, dikopano mo ponalong, fela ga go tlhokagale gore di-CC di nne le dikopano tsa mothale o. Dikopano ka gale di tshwarwa magareng ga maloko ka mabaka a a rileng.

Maloko a CC ga a tlhoke go tshameka seabe mo ditirong tsa letsatsi le letsatsi tsa kgwebo ya bona. Mo di-CC di le dintsi, le fa go ntse jalo, maloko ke ona baokamedi ba dikgwebo.

Dintlha tsa botlhokwa malebana le go tladiwa ga diforomo di kwadilwe mo tsebeng e e mo morago ga tsebe 1 ya foromo ya CK1.

Fa o batla tshedimosetso e nngwe o ka ya go Companies and Intellectual Property Registration Office.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Sitlholola foromo ya kopo, CK1

Tlanya foromo CK1 ka bothakga kgotsa o e tlatse ka enke e ntsho, o dirisa ditlhakakgolo.

Romela dikhopi tse di kanisitsweng tsa makwaloitshupo a maloko a a amegang.

Dira peeletso ya leina la kgwebo e e kopetsweng, CK7.

Bona lekwalo la tumelelo go tsa go ramatlotlo.


Godimo

Molao o dirisiwang

Close Corporations Act, 1984 , Section 12 

Godimo

Boemo jwa tirelo

Go ka tsaya malatsi a le 1 go fitlha go a le 4 go kwadisa CC.

Godimo

Tlhotlhwa

R100 ya kemo ya motheo
R50 ya peeletso ya leina.

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Founding Statement, CK1 
Application for reservation of name or translated Form or Shortened Form, CK7 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


