﻿
Kopo ya go fetola maina mo go South African Geographical Names Council Database
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Maina a tsa thutafatshe ke maina a dipopego tse di leng mo lefatsheng a a leng a tlhago kgotsa a reeletswe ke batho kgotsa a tlwaeditswe . Dipopego tse, di ka tswe di na le batho ba ba dulang mo go tsona kgotsa go se na batho ba ba nnang mo go tsona.

Maina a tsa thutafatshe a a welang mo taolong ya puso ya selegae a akaretsa mebila, dikago tsa mmasepala le dikwere, diphaka tsa selegae le mabitla, le meago e e leng ya poraebete.

Maina a tsa thutafatshe a a welang ka fa tlase ga puso ya setšhaba a ama ditoropo, torotswanathoko, mo go agileng batho, diposokantoro, boemaditimela, boemadifofane, boemakepe le ditselakgolo, , mmogo le dipopego tsa naga tsa tlhago jaaka dithaba, metswedi, dinoka, kgogometso, dintlha, ditlhakatlhake, dinagapula, le diphaka tsa setšhaba.

Ke mang yo o ka dirang kopo ya thebolo ya leina: Mafapha otlhe a puso, dipuso tsa porofense, bathati ba selegae, Posokantoro ya Aforika Borwa , baagi ba ditsha, kgotsa setlhopha sengwe le sengwe kgotsa motho mongwe le mongwe.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Bona diforomokopo go tswa go Khansele ya Maina a tsa Thutafatshe ya Aforika Borwa kgotsa go tswa go khansele ya porofense ya maina a sa thutafatshe.
Tlisa diforomo di na le tshedimosetso e e latelang:

puo e leina le reilweng go tswa mo go yona
tlhago le bokao jwa leina fa o itse
popego ya leina le le tshisinngwang , sekao posokantoro kgotsa boemasetimela
kgaolo ya Mmagiseterata mo tulo e leng mo go yona
e bokgakala jo bo kanakang, mme e kwa ntlheng efe go tswa mo toropong e e fa gaufi kgotsa mmagiseterata
tsenya le mmapa wa bogolo jwa A4.



Kwala leina la motho yo o tshisintseng leina le lentšhwa.
Isa foromokopo go Bathati ba Pusomorafe kgotsa Bathati ba Selegae gore ba saene kgotsa ba gatise setempe sa semmuso.
Isa foromo e e tladitsweng go Khansele ya Maina a tsa Thutafatshe ya Aforika Borwa, Lefapha la Botaki le Setso.

Godimo

Molao o dirisiwang



South African Geographical Names Council Act, 1998  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Go na le nako ya go leta ya dikgwedi di le nne.

Godimo

Tlhotlhwa

Tirelo e, ga e duelelwe

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Application form for a new official place name 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

