﻿

Kopo ya go neelwa ditifikeiti tsa makwalotshupo a boemedi ba poraefete go neelana ka ditirelo tsa go fedisa kgotlang







Tlhaloso 



Boemedi jwa poraefete ke boemedi jo bo ikwadiseditseng go neelana ka ditirelo tsa go fedisa kgotlang.



Khansele nngwe le nngwe kgotsa ya poraefete e ka dira kopo go mokgatlho o o neelanang ka makwalotshupo:

Go fedisa dikgotlang ka tsela ya ditherisano; le
Go tsereganya mo dikgotlang e e sa kgoneng go fela morago ga ditherisano.



Mokgatlho o o busang o ka batla tshedimosetso e e anameng go tshegetsa kopo mme ka ntlha ya seo ya batla gore mokpi a nne teng mo go nngwe kgotsa go feta ya dikopano tsa lekgotla le le busang.



Go bona tshedimosetso e nngwe gape, e ya go Lefapha la Ditiro.



Dikgato tse di tshwanetseng go latelwa 



Dira kopo go lekgotla le le busang la Khomišene ya Poelano, Botsereganyi le Ditherisano .



Pataganya khopi ya khoutu ya moemedi ya maitsholo le go tlhalosa gore goring o batla foromo ya kopo ya makwalotshupo.
Romela kopo ya foromo ya lekgotla le le busang la CCMA.



Molao o o dirisiwang 



Labour Act, 1995.  Section 127   



Boemo jwa Tirelo 



Ga go nako e e beilweng.



Tlhotlhwa 



Tirelo ga e duelelwe.





Diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa 



Private Agency applies to renew accreditation, for LRA 7.7 



Bodirelo, diaterese le megala 




