

Kopo ya go fedisa kwadiso ya lekgethothekiso 

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Kwadiso ya tuelo ya lekgethothekiso  le Tirelo ya Lekgetho ya Aforika Borwa  e ka fedisiwa ka fa tlase ga mabaka a a latelang:

fa boleng jwa diromelwa bo wela ka fa tlase ga tekanyo ya R300 000 ka ngwaga
fa o tlogela go tswelela mo dikgwebong tsotlhe e bile o ka se tswelele go nngwe ya tse dingwe tsa dikgwebo mo dikgweding tsa morago ga letlha le le beilweng
fa o dirileng kopo ya boikwadiso o solofetse go simolola kgwebo, fela o ise o simolole kgwebo eo.

Le fa o sa tlhole o ikwadisitse go duela lekgethothekiso  o tla tshwanela ke go nna le maikarebelo ka fa tlase ga molao wa lekgethothekiso wa 1991, fa o sa ntse o ikwadisitse.

O tshwanetse go itsise Tirelo ya Tuelo ya Aforika Borwa ya Lekgetho  mo nakong ya malatsi a le 21 go ya go tsweleletsa dikgwebo tsotlhe.

Tirelo ya Aforika Borwa ya Lekgetho  e ka se fedise boikwadiso jwa bagwebi ba mo mebileng fa go na le mabaka a a utlwalang go dumelela gore o tla simolwa kgwebo efe mo dikgweding tse 12 go tloga mo letlheng la phediso.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tsaya dintlha mo e-meileng mme o tlatse foromo ya kopo kgotsa o ye mo dikantorong tsa Tirelo ya Aforika Borwa ya Lekgetho fao go ikwadiswang go dira kopo.
E romele go dikantoro tsa Tirelo ya Aforika Borwa ya Lekgetho.
Tirelo ya Aforika Borwa e tla neela kitsiso ya motho yo o maleba le phediso ya boikwadiso kgotsa ya go kganelwa go fedisa boikwadiso.

Godimo

Molao o dirisiwang

Value-Added Tax Tax, 1991  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Ga go nako e e tsepameng.

Godimo

Tlhotlhwa

Ga go duelwe sepe.

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Application for the cancellation of registration of a person in respect of all his enterprises,VAT 123 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


